Breaking News

Moithuti wa pele o abela sekolo

30 Aug 2020

Moithuti wa pele wa sekole sa Mowana Junior Secondary School kwa Mahalapye, Mme Nondi Gaboilwe, o abetse baithuti ba basetsana ba sekole sa seo ba le masome a mabedi le borobabobedi melora le dibipa dinko le melomo.

Fa a amogela baeng kwa moletlong wa go abela baithuti bao dimpho ka Matlhatso, Kgosi Alexander Modisa wa kgotla ya Mowana o ne a akgolela Mme Gaboilwe le baeteledipele ba sekole sa Mowana tiro e molemo e ba e diretseng baithuti.

“Re itumela thata ka fa le dirang ka teng mo sekoleng se. Se le se dirileng ke selo se se molemo mo go lekeng go akaretsa botlhe mo ditlhabololong. Rona ne re sa itse go dira jaaka lona le dira jaana,” ga bua Kgosi Modisa.

Mme Gaboilwe ene o tlhalositse fa a ne a tlhotlhelediwa ke mowa o o boitshepo go dira sengwe se se pharologano monongwaga fa a digela dingwaga tsa gagwe tsa matsalo tse di masome a mabedi le borobabobedi ka kgwedi ya Phatwe e le malatsi a le masome a mararo.

Mme Gaboilwe o lebogetse boeteledipele jwa sekolo sa Mowana go bo ba ne ba atla mogopolo wa gagwe, mme ba mo tswa thuso ka go mo tlhophela baithuti ba basetsana ba le masome a mabedi le borobabobedi ba ba tlhokileng lesego gore e nne bone ba a ka ba abelang dimpho. 

“Ke leboga baeteledipele ba Mowana go bo ba ne ba nkamogela gore ke kgone go fitlhelela toro e yame. Ke leboga le motsadi wame, Mme Victoria Jongman, go bo a nthutile botlhokwa ja go neela ga mmogo le ditsala tsame ka kemonokeng ya bone,” ga bua Mme Gaboilwe.

Mothusa mogokgo wa Mowana, Mme Keatsala Kenosi, o ne a akgolela Mme Gaboilwe go bo a ne a bona go le maleba go ipelela malatsi a gagwe a matsalo ka go abela bomonnawe melora e tlhapang le e tlhatswang le dipipa dinko le melomo.

O tsweletse a bolela fa se Mme Gaboilwe a re dirileng sele segolo fela thata ka go se gantsi gore batho b aba tsamaelanang le ene ka dingwaga ba se fitlhelele.

Mme Kenosi a re go a nametsa go bona monana a kgona go akanya go ipelela malatsi a matsalo ka tsela e e kgethegileng jalo. 

Ka jalo, o ne a mo rotloetsa go tswelela ka mowa wa gagwe wa bopelo-tlhomogi a bo a mo kopa gore a o jwale le mo balekaneng ba gagwe.

Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana, Mme Mpho Dikepu le ene o ne akgolela Mme Gaboilwe dimpho tseo mme gape a kgothatsa baithuti gore le bone ba tseye malebela mo go ene gore ba tsoge ba thusa bangwe-ka-bone.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event : Kabo dimpho

Date : 30 Aug 2020