Breaking News

Makhanselara a lela ka tsamaiso ya Ipelegeng

30 Aug 2020

Makhanselara a kgaolo potlana ya Serowe a lela ka dikomiti dingwe tsa ditlhabololo tsa metse tse  a reng ga di sale ditsamaiso morago.

Go bolelwa fa maloko mangwe a dikomiti tse, a iphira mo lenaneong la Ipelegeng ngwaga otlhe, mme ka jalo ba tima banni bangwe sebaka sa go bereka mo lenaneong le.

Makhanselara a re bangwe ba ba tlhokometseng badiri ba Ipelegeng, ba kgona go supa mo dipampiring gore badiri ba ba kwa dikoleng ba a theogela mme seo e se boammaaruri

Makhanselara a ne a akgela mo pegong ya mogokaganyi wa ditirelo tsa Ipelegeng, Rre Otisitswe Keatlholetswe, kwa bokopanong jwa khansele potlana ya Serowe ka Labone.

Ba ne ba supa gore ba lekile ka bojotlhe go isa dikgang tse kwa go ba ba maleba bogolo jang ba ba eteletseng lenaneo la Ipelegeng pele mme go se kgato epe e e tsewang.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Serokolwane, Rre Setlalekgosi Molefhi, o boletse fa kgang e, e setse ba babalela e makhanselara. O file sekai ka kgaolwana ya gagwe a supa fa dilo di sa tsamae ka fa tshwanelong ntateng ya badiri ba Ipelegeng ba ba thapilweng mo nakong ya segajaja sa COVID-19 go thusa go phepafatsa dikole.

A re kwa sekoleng se segolwane sa Mannathoko, badiri ba Ipelegeng ba ya tirong ba le bararo fela mme ba tshwanetse ba ka bo ba le masome a mabedi, mme seo se sa siama ka baithuti ba tshwanetse go phepafaletswa kgapetsakgapetsa. 

Rre Molefhi a re kgwedi fa e fela, badiri botlhe baa atswiwa mme bontsi bo nna fela kwa malwapeng. 

A re o begetse khansele kgang e, mme ga go tswe dipe. 

Rre Molefhi o kopile khansele ya Serowe go tsibogela kgang e ka bofefo e ise e tswe mo taolong.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Mogatsapoo, Rre Vuyo Yane, ene a re Ipelegeng e setse e na le ba ba e laolang ba dira tse ba di ratang ba bo ba sa tseelwe dikgato.

A re le fa makhanselara a leka go tsenya dilo dingwe mo tseleng, bangwe ba itse gore ba ya kwa go mang gore tse ba di dirang di sa tlhamalala ba kgone go tswelela ba di dira.

Rre Yane a re khansele e tshwanetse go dira dipatlisiso go bona gore a tse di buiwang ka Ipelegeng ke boammaaruri le gore a go na le bangwe ba ba sa tleng tirong.

A re go tshwanetse go batlisisiwe gape gore a go na le bangwe ba ba iphirang mo Ipelegeng sebaka sa ngwaga ntleng ga mabaka mangwe a a ntshiwang ke mmaboipelego.

Fa a tsibogela dikakgelo tsa makhanselara, Rre Keatlholetswe o ne a supa fa a setse a tsibogetse matshwenyego a makhanselara mme o ne a kopana le megokgo ya dikole go ba kopa gore ba tshwaraganele tiro le khansele. 

A re go na le dikole di le masome a mane le bone tse ba di okametseng mme ba ne ba utlwa matshwenyego a gore go na le bangwe ba ba sa tleng tirong mo lenaneong la Ipelegeng.

Rre Keatlholetswe a re bothata e ne ya nna gore fa ba ya go tsaya pampiri e e supang gore a ba tsile tirong kana jang ba fitlhela ba kwadilwe gore ba ne ba tla tirong.

A re go tsibogela kgang e, ba ne ba kopana le megokgo mme ba ba kopa go nna le bukana ya bone e ba tla a nnang ba supa gore ke mang yo o tsileng tirong. 

Rre Keatlholetswe a re ba solofela fa ba tlaa felela ba lemoga gore go diragala eng ka ba tlaa leba le e e kwa go ba ba dirang le ba Ipelegeng e leng ba komiti ya ditlhabololo tsa metse.

A re di registara tse pedi tseo, ke tsone tse di tlaa supang boammaaruri. Rre Keatlholetswe a re Ipelegeng e e simolotsweng kwa dikoleng e itebagantse le go sireletsa bana ka bophepa, mme babereki ba tshwanetse go tsaya boikarabelo mo tirong e. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : Serowe

Event : Bokopano jwa khansele

Date : 30 Aug 2020