Breaking News

Mapodisi a kopa kemo nokeng ya setshaba

30 Aug 2020

Batswana ba kopilwe go ema mapodisi nokeng le go lwantsha borukutlhi ba le seopo sengwe.

Kopo eo e dirilwe ke mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya, mo potsolotsong bosheng.

A re Batswana ba tshwanetse go tlhaloganya fa tshwaragano ya bone le mapodisi e le yone fela e ka thusang go fenya ntwa kgatlhanong le borukutlhi. 

Superintendent Ngayaya a re go thubiwa ga matlo le marekisetso go a kekela, mme e bile gape Batswana bangwe ba thusa Batswakwa go tsena mo lefatsheng leno ka bokukuntshwane.

A re go a tshwenya ka jaana go lebega ditiragalo dingwe tsa borukutlhi di diragala mo matlhong a batho, mme ba bona go le botoka go itlhokomolosa go na le go begela mapodisi.

Supt Ngayaya a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a eme ka dinao, go tsaya boikarabelo jwa go dibela lefatshe leno.

Ka jalo, a re go mo maruding a Batswana go loma mapodisi tsebe ka dinako tsotlhe ka sepe fela se se ba fatlhang mo tikologong ya bone.

O ne a gwetlha batho go ipabalela mo dirukutlhing, a gakolola le beng ba dikgwebo go thapa badisa dikago kgotsa ba tsenye di alarm mo madirelong a bone.

Supt Ngayaya o ne a tlhalosa gape fa mapodisi a tlhotlhomisa ditiragalo tsa go thujwa ga matlo kwa Masunga le marekisetso a le mabedi kwa Mosojane le Mapoka bosheng.

A re mo tiragalong ya kwa Masunga, magodu a ne a thuba a bo a amoga ka dikgoka beng ba matlo a le mabedi, thelebishene, lab top le megala ya letheka.

A re ga ba ise ba tshware ope mabapi le ditiragalo tseo.

Mo go tse dingwe, Supt Ngayaya o boletse fa ba tshegeditse borre bangwe ba le babedi ba Batswana, ba dingwaga tse di magareng ga masome a mabedi le bone le masome a mabedi le boferabobedi, ka dipelaelo tsa gore ba ka tswa ba thusa batswakwa go tsena mono ka bokukuntshwane.

A re bobedi joo, bo tshwerwe mo bosigong jwa kgwedi eno e le masome a mabedi le borataro kwa Masunga ba pegile batho ba letso la Zimbabwe ba le barataro.

A re gareng ga borataro joo, go ne go le bana ba le bararo ba dingwaga tse di magareng ga bosupa le lesome le bosupa.

Supt Ngayaya a re mo go phuruphutseng koloi eo, mapodisi a ne a fitlhela bojalwa le mophuthelwana oo boupi, o o tla yang go tlhatlhojwa go bona gore e ka tswa e le eng.

O tsweletse a supa gape fa e ne ya re kgwedi eno e le lesome le boferabongwe, e ntse e le kwa Masunga ba tshwara koloi nngwe e pegile batho ba letso la Zimbabwe ba le barataro go balelwa le mokgweetsi mme le yone fela jalo ga fitlhelwa bojalwa mo go yone.

A re go tsena ga bojalwa mono go tswa kwa mafatsheng a sele, go a tshwenya segolo jang mo nakong eno e lefatshe leno le sa ntseng le emisitse thekiso ya bojalwa. 

A re mo godimo ga moo, jo bongwe ke jo bo sa tlwaelesegang mono, ka jalo go sa tlhaloganyesege sentle ka ditlamorago tsa jone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Potsolotso

Date : 30 Aug 2020