Gracious o akgola nyeletso lehuma
27 Aug 2020
Mme Gracious Madume wa dingwaga tse di masome mane le bobedi wa kgotla ya Selolwane kwa Tutume a re kapei ya borotho e a busetsa.
Mme Madume ke mongwe wa batho ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma.
Mo potsolotsong le BOPA, o ne a re ke mongwe wa ba ba neng ba thusiwa ka 2014,.
A re o ne a fiwa didirisiwa dingwe le fa di ne di tlhaela, mme seo se ne sa seka sa mo nyemisa moko, ka a ne a tswelela le tiro ya gagwe ya go apaya borotho, e a boletseng fa a e rata.
A re o ne a itirela fa a apeelang borotho teng, fa a santse a letile go rekelwa dilwana tse di setseng.
Mme Madume a re mo mosepeleng wa gagwe o ne a kopana le dikgwetlho jaaka tsa mmaraka, mo a neng a tsamaya sekgala se seleele go latela bareki kwa mmolong le go tsena ofisi le ofisi a rekisa.
A re ka diofisi tsa maphata di katologane go ne go se motlhofo go rwala emere ya mapakiwa ka fa o akgile sekhakha sa borotho jwa mahura.
A re ka nako tse dingwe go ne go sena dipoelo, mo a neng a kgona go boa ka borotho bo sa rekwa.
O boletse gore e ne ya re fa a santse a raletse dikgwetlho tseo, a seka a inyatsa, mme a tswelela pele ka mowa o le mongwe wa go rekisa.
O gatelela gore fa motho a dira tiro ya gagwe ka mashetla le ka bopelotelele, kwa pele go na le maduo.
O tlhalositse fa ngogola khansele e ne ya ba fa teseletso ya go rekisetsa kwa diofising tsa khansele.
A re seo se ne sa tsholetsa kgwebo ya gagwe ka borotho jwa gagwe bo ne bo fela mo nakong ya dioura tse pedi fela, mme a kgone go boela kwa lwapeng go dira ditiro tse dingwe.
A re mo nakong ya gompieno o tsweletse sentle, o kgona go rekisetsa maphata a mangwe fa ba na le diphuthego le ka nako ya diphuthego tsa khansele, selo se a kaileng se tsholeditse kgwebo ya gagwe.
Mme Madume yo o nang le bana ba le bane, a re ka lemme leo o kgonne go ikagela ntlo le go duelela bana kwa dikoleng.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebogo Masuruke
Location : Tutume
Event : Potsolotso
Date : 27 Aug 2020