Breaking News

Banana ba Tshokwe ba rotloediwa go tsaya kgato

27 Aug 2020

Banana ba Tshokwe mo kgaolong ya Mmadinare ba rotloeditswe go ikemela ka dinao go tlhabolola matshelo a bone.

Se se builwe ke Kgosi  Itumeleng Pelotona wa Tshokwe fa a ne a bula semmuso thuto-puisanyo e e neng e rulagantswe ke ba khansele- potlana ya Bobirwa ka Laboraro.

Kgosi Pelotona o ne tlhalosa fa letlhoko la ditiro le amile bomme thata mme a ba rotloetsa go nna pelo-kgale go kopa dithuso tsa mananeo go tlhabolola matshelo a bone le go emisa go ikaega ka borre.

A re go nna kgakala le ditlamelo ga go a tshwanela go ba kgoba marapo  ka go na le ditsetlana dingwe tse di itebagantseng le batho ba metse e e se nang ditlamelo  fa go tshwantshanngwa le ba mafelo a mangwe.

E rile a tlhalosa maikaelelo a thuto-puisanyo, Rre Kabo Kgwarai go tswa kwa khanseleng ya Bobonong o ne  supa fa dithuto  di  itebagantse  le bomme ba banana ka go lemotshegile e le bone ba gateletsweng thata ke dikgwetlho tsa botshelo.

Are dipalo di supa fa bontsi jwa bone ba godisa bana ba le nosi.

Rre Kgwarai a re se se felela se dira gore bomme ba iphithele ba inaakantse le dilo dingwe tse di felelang di tlhakatlhakantse matshelo a bone jaaka go tsena mo maratong a a sa iketlang a kwa phelelong a ba bakelang go kgokgontshiwa.

Mme Lesang Lekula go tswa kwa kokelong ya Mmadinare o supile fa dipalo tsa bana ba ba tlhaelang dikotla kwa motseng wa Tshokwe di le kwa godimo.

A re se se a tshwenya ka go bonala fa bana ba sa bone tlhokomelo e e lolameng.

 A re go tlhoka go katologanya  tsholo go na le seabe mo goreng bana ba bo ba sa gole sentle  ka go ketefalela bomme ka bontsi go tlamela bana bao ka tse di tlhokafalang. 

Mme Lekula o ne a tlhalosa fa puso e ntshitse mananeo a a farologanyeng a thibelo boimana, a tlhalosa fa bomme ka bontsi ba sa a dirise.

Sergeant Gobe Bila go tswa kwa sepodising le ene o ne a supa fa ba tshwentswe ke dikgang tsa kgokgontsho tse di diragalang kwa Tshokwe, bogolo jang mo go bomme le basetsana.

Sergeant Bila o ne a supa fa go nnile le tiriso botlhaswa ya bana ba  ba  kwa tlase ga dingwaga tse thataro ka Phatwe.

A re se se utlwisang botlhoko ke gore dikgang tsa go nna jaana batsadi ga ba di begele  mapodisi gore molao o tle o diragadiwe.

Sergeant Bila a re bontsi jwa bana, bo dirisiwa ke ba masika, mme batsadi ba bipa mpa ka mabele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaboselwe Olesitse

Location : Tshokwe

Event : Thuto-puisanyo

Date : 27 Aug 2020