Breaking News

Moleti o ngongoregela letlhoko

27 Aug 2020

Kgosi Moleti Letlatlawe wa Khekhenye mo kgaolong ya Kweneng Bophirima a re go tlhoka motlakase go dia ditlhabololo mo motseng wa gagwe.

Kgosi Letlatlawe o buile jaana mo potsolotsong bosheng, a tlholosa fa motlakase o le botlhokwa mo ditogamaanong tsa ditlhabololo.

O tlhalositse fa a kile a amogela mokwalo o o neng o supa fa ba tlaa gokelelwa motlakase mme tsholofelo ya nna gore go tlaa dirwa jalo ka nako e le nngwe le Metsibotlhoko mme nako kgolo ke eno.

“Go setse go le sebaka tota re ntse re lebile tsela gore se re neng re se solofeditswe se tlaa diragala mme jaanong re setse re tsenwe ke mowa wa go itlhoboga,” a tlhalosa.

A re metlha ya botshelo ga e tlhole e le ya maloba e go neng go tshelwa Setswana fela mme dinako di fetogile ka go tshelelwa mo nakong ya maranyane a ditlhaeletsanyo tse di tlhokang motlakase.

A re dilo ka bontsi di eme fa tse dingwe di saletse kwa morago mo motseng wa gagwe ka lebaka la letlhoko la motlakase.

Kgosi Letlatlawe a re se se ngomolang pelo le go feta ke gore mo nakong ya mogare wa corona ga ba bone dikgang le melaetsa ya COVID-19 ka jaana ba sena motlakase.

A re seo se ba baya ka fa mosing ka gore ba tlaa seke ba itse gore ba tshwanetse ba dirang eng le gone gore fa lefatshe le tsene mo serubing bone ba tlaa bo ba santse ba le kwa ga mothakga e le fela gore ga ba a utlwa ka nako.

Ka jalo a re puso e tshwanetse go tsibogela go gokela motlakase mo metseng yotlhe e e senang motlakase lefatshe ka bophara gore batho ba kgone go akola le go dirisa maranayane a segompieno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Khekhenye

Event : Potsolotso

Date : 27 Aug 2020