Breaking News

Bojalwa jwa maitirelo bo borai

27 Aug 2020

 Mothusa kgosi wa Motokwe, Kgosi Aobakwe Molaole a re o tshwenngwa ke bangwe banni ba motse oo ba ba tsweletseng ka go itirela majalwa a Setswana, bogolo jang khadi, fa e sale go tswalelwa thekiso ya bojalwa.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Molaole o ne a re go tswaletswe thekiso ya bojalwa  e le tsela nngwe ya go kganela kanamo ya mogare wa corona.

A re se se diragalang se busetsa kwa morago maiteko a go kganela kanamo ya mogare wa corona.

A re selo seo ke go tlola molao wa COVID-19 ka jaana go emisiwa ga bojalwa go dirilwe ka lebaka la go babalela matshelo mo segajajeng se, e seng go baya ope ka fa mosing.

Kgosi Molaole a re batho ba ba dirang jalo ba tlaa tshwarwa mme ba lebisiwe molato wa go dira bojalwa ka nako e bo sa letlelelweng.

A re o leboga mapodisi ka ba tsweletse ka go tsamaya ba lekola seemo sa boitsholo mo motseng le fa bangwe ba iphitlha fa ba ba bona.

Kgosi a re metswako e e dirisiwang mo go direng dikhadi tseo e ka nna borai mo botsogong jwa banwi ba bojalwa joo.

Kgosi Molaole a re o leboga morafe wa Motokwe ka o obamela melawana ya COVID- 19 ya go rwala dibipamelomo ka nako tsotlhe.

O ne a kopa ba ba sa direng jalo go ipaakanya ka jaana go se motlhofo go itse gore ke mang yo o nang le mogare oo kana yo o senang one.

A re go botlhokwa gore batho ba ele tlhoko ka dinako tsotlhe gore ba sala melawana eo morago ka go dira jalo go thusa go emisa kanamo ya bolwetse.

Kgosi Molaole a re fa mongwe le mongwe a tsaya boikarabelo jwa go lwantsha mogare, bolwetse joo bo ka fenngwa ka bonako.

A re go tsaya mogote le go ikwala maina mo diofising le madirelo a mangwe go botlhokwa mo go latediseng botlhe fa mogare o ka fitlhelwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : Motokwe

Event : Potsolotso

Date : 27 Aug 2020