Kgosi Ratlhong o a kgalema
27 Aug 2020
- Kgosi Piet Ratlhong wa kgotla ya Diagane Block 9 kwa Mogoditshane a re o tshwenngwa ke borukutlhi jwa go thujwa ga matlo mo malwapeng jo bo kekelang mo kgaolong ya gagwe.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Kgosi Ratlhong o ne a tlhalosa gore Mogoditshane Block 9 ke lengwe la mafelo a a fatlhogang, a a ka nnang sekgantshwane, mme dikgang tsa borukutlhi di ka kgoba marapo bagwebi go isa ditlhabololo teng.
A re bogodu jaaka go amoga batho dithoto bo tsere phekelo e sele, mo e bileng batho ba kgaolo eo ba palelwa ke go robala bosigo ba tlhorontshiwa ke dilalome.
Kgosi Ratlhong o tlhalositse fa bontsi jwa borukutlhi bo rotloediwa ke batsadi ba ba amogelang dithoto tsa bogodu mo baneng le batho ba ba rekang dithoto tsa bogodu.
A re bogodu bo dirwa ke bana ba motse ba kopane le batswakwa, a tlhalosa gore mo go tlhomolang pelo ka magotswanyana ao, ke gore ba utswa gotlhe; dithoto le dijo.
O gakolotse botlhe go emisa go ikamanya le ditiro tsa bosinyi ka di ba senyetsa bokamoso, mme ba itebaganye le go tokafatsa matshelo a bone ka ditsela tse di lolameng jaaka go lema ditshingwana tsa merogo go inamola lehuma.
Kgosi Ratlhong a re bangwe ba magotswana ao, ba a tle ba tshwarwe, mme sebe sa phiri e nne gore ba bulelwa ke mapodisi ka mabaka a bosupi jo bo tlhaelang.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Ratlhong o ne a tlhalosa gore beng ba motse ba ititeile sehuba gore ba tlaa itepatepanya le seemo ka go emela motse wa bone go lwantshanya le go fedisa borukhuthi.
A re go mo maruding a mongwe le mongwe go thusana le mmuso go lwantsha borukuthi ka jaana bogodu jwa go amoga beng dithoto, madi le dijo go kokonelang itsholelo ya lefatshe le go humanegisa Batswana.
Kgosi Ratlhong a re kgang nngwe e e sa ba robatseng mo motseng ke bangwe ba ba itirelang majalwa mo malapeng.
A re le ntswa seemo sa bolwetse jwa COVID-19 se le teng, bangwe ba kgobile kgetsi, ka ba santse ba kopanela kwa marekisetsong a dinotagi, le go dirisa diritibatsi e re ba tswa koo ba bo ba gobeya mo motseng.
Le fa go ntse jalo, Kgosi Ratlhong a re kemiso ya bojalwa e thusitse go tokafatsa seemo se.
O tlhalositse gore mo malobeng ba ne ba sa bone boroko ka mafelo a kgwedi, ka go ne go nna modumo mo motseng batho ba itumetse.
A re dikotsi tsa tsela le tsone di le hoo, seemo se a reng se ritibetse thata fa e sale thekiso ya bojalwa e dirwa.
A re dikgang tsa matlhapa le dititeo tsa botagwa di ile tlase, a tlatsa ka go re batho ba nna ka tidimalo e bile ba kgona go tlhaloganya gore ke batho ba ba ka tshelang le ba bangwe.
Fa a ntsha la gagwe, monni wa motse, Rre Shadrack Mbaiwa o ne a gatelela gore ke nnete motse wa bone o aparetswe ke borukhutlhi.
Le fa go ntse jalo, Rre Mbaiwa a re ga ba a phutha matsogo, mme ba ikopantse e le banni ba Block 9 Mogoditshane, gore ba dire lenaneo la twantsho borukhutlhi la ntebele ke go lebele gore ba babalele di-tsa bone.
Rre Mbaiwa a re komiti e e tlaa tlhangwang go lwantsha borukhutlhi e tlaa itebaganya le go ruta morafe ka twantsho borukutlhi le tshireletsego ya batho mo malwapeng ga mmogo le mo mebileng.
O ne a kopa morafe wa Block 9 go tshwaragana, a kaya fa e le maikarabelo a mongwe le mongwe go bona gore borukutlhi bo a nyelela.
O ne a gwetlha ba ba santseng ba saletse kwa morago mo go tseneleleng lenaneo la ntebele ke go lebele gore ba ititee ka thupana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 27 Aug 2020