Go emisiwa ga nnotagi go tsisitse diphetogo
26 Aug 2020
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse wa Malatswae, Rre Kebeemang Dikapolelo a re ntswa go tswalelwa ka nakwana ga thekiso ya bojalwa go amile ba dikgwebo le ba ba thapilweng ke bagwebi ba bojalwa, go tswalwa mo go tsisitse diphetogo mo motseng.
Mo potsolotsong, Rre Dikapolelo o tlhalositse fa mo nakong eno batho ba kgona go nna mo malwapeng mme ba nne le tebelopele ya matshelo a bone.
A re bangwe ba banni ba motse oo ba kgona go fekeediwa ke tiriso ya nnotagi mme ba palelwe ke go tsaya boikarabelo jwa malwapa a bone ka ba kgona go tlhola kwa nnotaging le gone go tlhapa ba sa tlhape.
Modulasetilo a re mo nakong eno o kgona go bona bangwe ba ba neng ba tsaya nako e ntsi ba le kwa nnotaging ba kgona go nna mo malwapeng ba apaya, ba aja, selo se se tokafaditseng botsogo jwa bone e bile ba sa tshabelelwe ke go etela kokelwana.
Rre Dikapolelo a re o itemogetse gape gore baithuti ba ya sekoleng sentle ka ba na le tlhokomelo go tswa kwa batsading, a re pele go emisiwa thekiso ya bojalwa bangwe ba baithuti ba ne ba kgona go nna fela ba sa ye sekoleng ka batsadi bangwe ba ne ba kgona go phakelela nnotagi ba ba tlogetse kwa malwapeng e bile ba sa rurifatse gore a ba ile sekoleng.
A re madi a bangwe ba ba dirang mo lenaneong la Ipelegeng a dirisiwa sentle, ka bosheng a bone bangwe ba ba dirang mo lenaneong le ba ya Letlhakane go reka tse ba di tlhokang ntswa pele ba ne ba kgona go a dirisa mo nnotaging.
A re le ditiragalo di tshwana le dititeo kana dintwa tse di dirwang kwa marekisetsong a dino ga diyo.
Modulasetilo o ne a ikuela mo banning ba Malatswae go tswelela ka mowa oo le fa puso e ka bulela nnotagi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Malatswae
Event : Potsolotso
Date : 26 Aug 2020