Breaking News

Baruti ba baya seemo leitlho

26 Aug 2020

Motshwarelela Modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Kanye, Mme Vivian Masibi, o kgothaditse baruti ba dikereke ka go farologana go tsaya boikarabelo jwa go tlhomamisa gore maloko a obamela melawana ya COVID-19 go hema kanamo ya bolwetse.

Mma Masibi, yo e bileng e le Bishopo wa kereke ya Psalm 23 Apostolic, o buile jaana kwa bokopanong jwa lekgotla leo jo bo neng bo tshwaretswe kwa Kanye bosheng.

A re baruti kgotsa baeteledipele ba dikereke ba tshwanetse go tlhomamisa gore baphuthegi ba tsewa mogote, le go kwalwa maina pele ga ba ka tsena mo ntlong ya kobamo.

A re ke yone tsela e ba botsogo ba ka e dirisang go latedisa ba ba amaneng le motho yo o tshwerweng ka mogare wa corona fa bothata bo ka tlhagoga.

Motshwarelela modulasetilo a re e le ba lekgotla la baruti mo Kanye ba mo thulaganyong ya go etela dikereke ka go farologana go tlhodumela gore a melawana ya ba botsogo mabapi le COVID -19 e salwa morago.

A re mme dikereke di itse gore ba tlaa di wela fela go sena tlhagiso.

A re mo nakong eno lekgotla leo ga le na madi a go le tsamaisa, ka jalo a ikuela mo dikerekeng tse e leng maloko a lekgotla go shafatsa boloko jwa tsone ka P200 nngwe le nngwe, le gore moruti mongwe le mongwe a ntshe P50 go thusa go tsamaisa ditiro tsa lekgotla.

 A re kgwetlho e nngwe ke ya letlhoko la ofisi ya lekgotla.

Bishop Masibi o ikuetse mo malokong a lekgotla leo go rerela dikereke tse di senang kemedi mo lekgotleng botlhokwa jwa lekgotla.

O tlhalositse gore kgwedi ya merapelo monongwaga e tlaa simolodisiwa semmuso kwa Kanye Lwetse a tlhola malatsi a mane, kwa kgotleng kgolo ya Ga-Ngwaketse, le gore e tlaa bo e tshwerwe ka setlhogo se se reng; Modimo o a re Rata o Kgalemela Matsubutsubu: Lokwalo lwa Mareko 4, Temana 35-41.

A re kgwedi ya merapelo ngwaga ono e tlaabo e itebagantse le go rapelela COVID-19, HIV le AIDS, le malwetse a mangwe a a apesitseng lefatshe leno kobo ka letshoba gammogo le go rapelela pula.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : Kanye

Event : Bokopano

Date : 26 Aug 2020