Kgolegelo e aga motho
27 Aug 2020
Tona wa Lephata la Itshereletso, Molao le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi o tlhaloseditse Palamente gore lengwe la maitlamo a lephata la dikgolegelo ke go aga magolegwa gore ba nne le dikitso tse ba ka itshetsang ka tsone fa ba golotswe mo kgolegelong.
Rre Mmusi a re Magolegwa a rutwa ditiro tsa diatla tse di farologanyeng jaaka go betla, go thula ditshipi le go ntshafatsa dithoto tse di senyegileng.
Ka jalo Rre Mmusi o ne a tlhalosa gore, gore kgolegelo e rute magolegwa ditiro tse, e tshwanetse ya nna le dikago tse di faphegileng tsa go rutuntsha le bodiredi jwa dikitso tsa ditiro tsa diatla.
Mo seemong sa Kgolegelo ya Tshane, ga gona dikago tse di lebaneng go rutela magolegwa ditiro tsa diatla.
Le fa go ntse jalo, Tona Mmusi o boletse fa dithulaganyo di dirwa gore magolegwa a a nang le keletso ya go ithuta ditiro tsa diatla tse di akaretsang go betla, go nosetsa ditshipi le go dira dithoto ba dirisa matlalo, ba fudusediwe kwa dikgolegelong tse di rutang dithuto tseo.
Tona o ne a tlhalosa fa kgolegelo ya Tshane le fa e sena dithuto tse di nankotsweng fa godimo, go na le tse dingwe tsa dithaere.
O ne araba potso go tswa kwa go mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla yo o neng a botsa gore a tona o sekaseka go isa bodiredi jwa dikitso tsa ditiro tsa diatla tsa go betla, go nosetsa ditshipi, le go baakanya tse di dirilweng ka letlalo kwa kgolegelong ya Tshane, se e le gore ba kgone go ruta magolegwa, fa go ntse jalo, maikaelelo ke go dira jalo leng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Palamente
Date : 27 Aug 2020