Breaking News

Molaodi o tlhalosa ka mananeo a ditlhabololo

25 Aug 2020

Banni ba Sebina ba boleletswe gore kago ya diofisi tsa mapodisi e e neng e akaretsa le matlo a bonno a le masome mararo a mapodisi e e neng e tshwanetse go dirwa ka ngwaga wa madi wa 20192020 e santse e eme ka ntlha ya tlhaelo ya madi.

Seo se builwe ke mothusa molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Rre Kabelo Tshekiso kwa phuthego le baeteledipele ba metse ya Sebina le Nshakashogwe kwa Sebina.

Rre Tshekiso a re ka lebaka la tlhaelo ya madi, ga go a ka ga nna le mananeo ape a a neng a tshwanetse go dirwa ka ngwaga wa madi wa 20192020, a a tlhomamisitsweng gore a ka dirwa.

O ne a bolela fa setshwantsho sa kokelo e ntsha ya Tutume e e tshwanetseng go agwa se fedile, ka jalo go sa ntse go emetswe gore fa madi a bonala kago e bo e tswelela.

A re go tlhagoga ga COVID-19 go amile mananeo a mmuso ka bontsi jaaka kago ya kokelo e e ka bong e simolotswe ka Moranang.

Rre Tshekiso a re mananeo a botsogo a a neng a tshwanetse go dirwa ka thulaganyo ya lenaneo la tsosolosa itsholelo kwa kgaolong -potlana ya Tutume, go akarediwa le katoloso ya kokelwana ya Sebina a seegetswe fa thoko otlhe.

Mo go tse dingwe, mothusa molaodi o boletse fa go simolodisiwa ga lenaneo la go siela metse metsi go tswa kwa Ntimbale e setse e simolotse, ka jalo e tlaa fedisa selelo sa banni ba metse e e mo kgaolong eo.

Mo lenaneong la nyeletso lehuma, Rre Tshekiso a re mananeo a le masome a supa le borobabongwe, a a mo Sebina, Nshakashogwe le Marobela, a a thusitsweng ka madi a le masome marataro le bobedi a santse a itshetletse fa a le mararo a phutlhame.

A re gape baikopedi ba lenaneo leo ba le batlhano, ba sa ntse ba emetse go thusiwa ka madi, fa ba roba bongwe ba emetse go ya go rutuntshiwa. E ne e rile pele, molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Mme Utlwanang Kerekang a bolela fa maikaelelo a phuthego eo, e ne e le go tsisa dikarabo tse di neng tsa tlhaga ka nako ya diphuthego tsa mopalamente wa kgaolo eo ya Shashe Bophirima, Rre Fidelis Molao.

Mme Kerekang a re ka ntlha ya tlhagogo ya COVID-19, go ne ga tsaya nako gore ba kopane le bone go ba fa dikarabo. A re gape ka bokopano joo, ba batla go aga mowa wa tirisanyo mmogo e le badirelapuso, bogosi gammogo le komiti ya ditlhabololo tsa motse.

O ne a gatelele gore moroto wa o esi ga o ele, ka jalo fa ba dira ba le mmogo ba ka kgona go kopanela dikgwetlho le go di rarabolola. Modulasetilo wa VDC ya Nshakashobgwe, Rre Anthony Toteng o ne a lebogela ditlhabololo tse ba di filweng di akaretsa kago ya diofisi tsa kgotla tse di dirilweng ka ESP.

Rre Toteng o ne a bolela fa ba sa ntse ba na le kgwetlho ya tlhaelo ya matlo a borutelo kwa sekoleng se sebotlana, bogolo jang baithuti ba mophato wa tshipidi. A re seo se tsile go ba pitlaganya ka nako ya fa baithuti bao ba boela sekoleng, bogolo jang mo nakong eno ya COVID –19. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : Sebina

Event : Phethego

Date : 25 Aug 2020