Breaking News

Nakedi o tsibogela letlhoko

25 Aug 2020

Letlhoko la megala kwa dikgotleng tsa Botalaote le Toteng, le le ntseng le sa jese banni ba metse eo diwelang jaanong e tlaa nna selo sa maloba.

Letlhoko le, le le ntseng le le teng le kwa kokelwaneng e e kopanetsweng ke metse eo, le tsile bokhutlong kgwedi eno e le masome mabedi le bone, morago ga gore mokhanselara wa kgaolwana ya Makaleng e e akaretsang le metse ya Botalaote le Toteng, Rre Mothusi Nakedi a abele nngwe le nngwe ya tsone mesokelatsebeng.

Mo godimo ga mpho eo, mokhanselara Nakedi o ne a abela sekole se sebotlana sa Legola, sekupu sa molora le pampiri e e sutlhang diatla, tse tsotlhe di lopileng P10 000.

Mokhanselara Nakedi a re letlhoko la ditsompelo tseo, le ne la mo gwetlha go dira sengwe go leka go thiba phatlha eo, ka jaana a lemogile fa le baya banni ba Botalaote le Toteng ka fa mosing.

A re go tlhoka mesokelatsebeng mo mafelong a tshwana le dikgotla le dikokelwana, ga go jese diwelang gotlhelele, ka go itsa gore batho ba bone dithuso tsa ditlamelo ka go farologana ka nako.

Ka jalo, mokhanselara Nakedi a re o dumela fa mpho eo e tlaa thusa banni go ikgolaganya le go bona thuso tebang le ditirelo dingwe di tshwana segolo jang le tsa booki ntle le tiego epe, a tlatsa ka go re o lemogile gape fa mpho eo e ka nna le seabe mo go godiseng le go tlhabolola metse eo.

 Mokhanselara Nakedi o ne a bo a tshepisa fa a tlaa netefatsa gore kgwedi le kgwedi o tsenya diunits tsa P50 mo mesokelatsebeng eo.

Fa a ntsha lefoko la kgothatso, mokwaledi wa makgotla a Setswana mo kgaolong ya Bokone Botlha, Rre Segopotso Sakwape o ne a opela diatla tiro e e dirilweng ke Mokhanselara Nakedi.

A re go supa fa e le ruri a nyoretswe go tlhabolola matshelo a batho, segolo bogolo go lebeletswe mabaka a go leka go ba golaganya ka tsa maranyane.

A re mo nakong eno, dikgotla tsa dikgosi tse di letlanyang ga di ise di akarediwe mo go tsenyediweng ditsompelo dingwe jaaka mesokelatsebeng.

A re go le gantsi go nna thata gore ba ikgolaganye le dikgosi tsa go nna jalo.

Rre Sakwape a re se se dirilweng ke Rre Nakedi se tlaa thusa lephata go ikgolaganya le magosi a dikgotla tseo fa go na le sengwe se se tlhokafalang.

O ne a gwetlha banni go somarela dimpho tseo, gore di kgone go nna lobaka lo loleele.

Gape o ne a kopa gore ba tswe ka maano mangwe a go leka go tsweledisa tlhabololo eo, e tema ya yone ba setseng ba e segetswe ke mokhanselara.

Rre Sakwape a re go dira jalo go tlaa bo go supa fa ba tshegeditse mowa wa boipelego, o Batswana ba tswang goo-lowe ba itsege ka one.

Mesokelatsebeng eo, e ne ya amogelwa ke dikgosi tsa metse ya Botalaote le Toteng, Kgosi Makhuwa Hloma le Kgosi Obey Toteng mmogo le mooki yo o okametseng kokelwana e e welang ka fa tlase ga kokelo ya Makaleng, Mme Barulaganye Madwala.

E re ka jaana go ne go tlhalosiwa fa e se lwa ntlha Rre Nakedi a dira tiro ya go tshwana le eo, babui ba ne ba mo gwetlha go tswelela ka mowa oo go ya go ileng.

Mme Madwala le ene o ne a ithaopela go rekela mesokelatsebeng eo ka boraro diunits tsa P100 mo dikgweding tse tharo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : BOTALAOTE/TOTENG

Event : Phuthego

Date : 25 Aug 2020