Breaking News

Dingaka tsa setso di ikgata motlhala

25 Aug 2020

Le fa mo mabakeng mangwe tiro ya tsone e amanngwa le boloi kana le mewa e e maswe, dingaka tsa setso di ikaya di le botlhokwa e bile di tsaya karolo e kgolo mo botsogong jwa setshaba.

Dingaka tsa setso di supa gore e re le mororo mo metlheng eno bangwe ba di kgala, Batswana ka bontsi ba santse ba di tsaya tsia e bile ba dirisa ditirelo tsa tsone mo matshelong a bone a tsatsi le letsatsi.

Ngaka ya setso kwa Serowe, Rre Lobatse Motlotlegi, 84, a re tiro ya bone e santse e le botlhokwa mme e bile ka tebo ya gagwe, go tlaa seke go nne bonolo gore bongaka jwa setso bo nyelele.

Fa a tsaya loeto lwa gagwe lwa bongaka jwa setso, Rre Motlotlegi a re e ne ya re ka 1953, a ya go batla tiro kwa Afrika Borwa, mme ya re a ntse a tsweletse a bereka mo polaseng nngwe a lemoga fa a sotlega e bile dilo di sa mo tsamaele sentle.

A re se, se ne sa mo tshwenya mme a utlwalela ngaka nngwe e bidiwa Kgwedi kwa Mokobeng, kwa kgaolong ya Tswapong kwa a fitlhileng a fiwa ditlhare tsa lesego teng. Rre Motlotlegi a re go etela Kgwedi go ne ga tsisa phetogo mo botshelong jwa gagwe ga ba ga mo lemotsha fa bongaka jwa setso bo bereka e bile bo le botlhokwa.

Tiragalo e, a re ke yone e e neng ya dira gore a tsee bongaka jwa setso tsia a bo a eletse go nna ngaka le ene. A re loeto lwa gagwe lwa bongaka jwa setso lo nnile lo leele, e bile lo tletse ditiragalo di le mmalwa di akaretsa go latlhisiwa didirisiwa tsa gagwe tsa bongaka ke kereke nngwe, ga mmogo le go thibelwa go tsena mo lwapeng ka ditlhare ka nako ya fa a santse a nna mo lwapeng lwa batsadi, ba bone ba neng ba sa bee bongaka sebete ka ba ne ba ineetse mo Sekereseteng.

Le fa go ntse jalo, a re bongaka bo ne jwa tswelela bo nna le kgogedi mo go ene e bile go ikamanya le Sekeresete go ne go itshupa fa go mo tlhakatlhakanyetsa dilo, ka jalo  a tlhoafalela go godisa kitso ya gagwe ya bongaka jwa setso ka go ithuta mo dingakeng tse dingwe mo mafelong a a farologanyeng mono gae le kwa Zimbabwe.

Rre Motlotlegi, yo o latlhegetsweng ke pono ka ntlha ya bolwetse mme mo nakong eno a latlha bola ka thuso ya mohumagadi wa gagwe, a re nngwe ya dikgwetlho tse a kopanang le tsone mo tirong ya gagwe ke go kgalwa bobe ga dingaka tsa setso ke dikereke.

“Baruti ba tshosa baphuthegi ba bone ka dikgang tsa gore fa o amana le bongaka fa o oswa mowa wa gago o ya go sotlega. Sebe sa phiri e bo e nna gore bone fa ba le mo dipitlaganong ba a tla kwa go rona” Rre Motlotlegi a tlhalosa.

Ntlha e nngwe e e mo tshwenyang a re ke go bo dikereke di letlelesega go bapatsa dithuso tsa tsone, mme se se beye dingaka ka fa mosing ka gore  tsone thuto e di e fiwang fa di rutwa bongaka e tlhalosa fa ba sa tshwanela go ipapatsa.

Mo go reng o lemoga jang melemo ka a sa tlhole a bona, o kaile gore pele ga a ka fa motho molemo, o a o ketlola a o phure pele, go rurifatsa gore o fe ke o fe, mme e bile a dira jalo a sena poifo ya gore o ka ja setlhare se se sa tshwanelang go jewa. “Ke a se phura ke se utlwa gore a ke sone. Boammaaruri ke gore ga go na setlhare se se bolayang,” a tlhalosa.

Le fa go ntse jalo, Rre Motlotlegi a re ga a dirise sedimo jaaka dingaka tse dingwe, mme ene o dirisa kitso fela e a e anywileng mo dingakeng tse di farologanyeng. Kwa kgotleng ya Makolojane e ntse e le kwa Serowe, Mme Manka Piee, 59, le ene go tlhola go fapaakana batho kwa ga gagwe ba batla dithuso.

Mme Piee a re go supa fa bongaka jwa setso bo santse bo le botlhokwa, ka ga go letsatsi le le fetang go ise go nne le yo o tlang go kopa thuso. Fa a latedisa lwa gagwe loeto, o tlhalositse fa ene bongaka a bo filwe ke badimo mme bo mo tletse e le bolwetse jo bo neng bo gana go fola.

A re e ne ya re morago ga go amogela pitso ya badimo, a simolola go laola le go thusa masea, mme ya re ka tsamao ya nako a nna a rebolwa ke sedimo go thusa ba ba golwane go fitlhelela a letlelelwa go thusa mongwe le mongwe jaaka a dira mo nakong eno. Le ene a re bongaka jwa setso bo lebanwe ke dikgwetlho di le mmalwa.

Nngwe ya tsone o boletse fa e le go na ka boutsana ga dipula, mo go dirang gore go seka ga nna bonolo go bona ditlhare dingwe. Selo se a re se a tle se mo pateletse go tsamaela kgakala mo letsomong la melemo.

Kgwetlho e nngwe a re ke go tlhoka go duela sentle ga batho morago ga go amogela dithuso. “Batho ga ba duele. Mme seo sone ga se tshwenye mo go kalo ka gore fa motho a ithaya a re o siile, badimo ba tlaa mmusa koo,” a tshwaela.

Mme Piee a re dingaka le tsone di a tle di iketefaletse botshelo ka go lekana ka botsone ka ntlha ya go fufegelana, a supa fa se se sa siama e bile se le borai. “Dingaka di a tikana, mme go dira jalo ga go a siama. Fa o le ngaka o bo o ithuta go tika o felela o tlwaela,” Mme Piee a tlhalosa a supa fa bongaka go tshwana fela le fa e kare motho a ntse a tshela a bo a itlwaetsa go lwa, a re motho wa go nna jalo o kgona go ne a lwa fela le go sa tlhokafale.

Mo go reng a farologanye tiro ya ngaka le ya moloi, Mme Piee o ne a supa fa moloi a senya mme ngaka yone e baakanya, a tlhalosa fa ene a ka seke a bolae moloi le fa motho a ka kopa gore a mo direle jalo.

Go sale foo, Mme Piee o supile fa go le botlhokwa gore dingaka di lemoge fa di sa kgone sengwe le sengwe, mme fa motho a tla ka bokoa jo bo tlhokang kalafi ya bongaka jwa segompieno ga ba a tshwanela go tlhajwa ke ditlhong go mo romela kwa go ba botsogo. Rre Kgosietsile Machingu, morwa Mme Piee, a re ene sedimo sa bongaka se mo tletse ngogola.

A re fa se tla se ne sa mo kgarakgatsha mo abbileng a ne a seka a tlhopha mo ditlhophong tsa ngogola ka badimo ba ne ba mo tsere ba mmeile kwa dikgageng.

“Ke ne ka ikwadisa fela sentle mme morago badimo ba ntshwenya ka ba ka sia mo lwapeng e le gore le go robala ke ne ke sa robale. Ba tswa go mpusa koo morago ga ditlhopho,” a bolela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : SEROWE

Event : Polelo

Date : 25 Aug 2020