Maloko a rotloediwa go rapedisa dikgwetlho
25 Aug 2020
Moeteledipele wa dikereke tsa semoya mo Botswana, Mookami Phillimon Motlhagodi o kgothaditse maloko a kereke ya Eloyi go rapelela dikgwetlho tse Botswana a lebaneng le tsone.
Mookami Motlhagodi o buile jaana ka Tshipi fa a buisa maloko Eloyi a eteletsweng pele ke Moturi Mmoloki Majase kwa Shakwe.
Mookami Motlhagodi o tlhalositse fa dikereke tsa semoya di filwe maikarabelo ke Botswana Christian AIDS Intervention Programme go etelela tiro ya merapelo ya kgwedi ya Lwetse pele, e e tlaabong e tshwaretswe kwa Sefhare monongwaga.
“Mme a re itseng gore ga re rapelele HIV/AIDS fela ka gore jaanong re tlhasetswe ke segajaja sa mogare wa corona.
A re gololesegeng, letsatsi le letsatsi, kgwedi yotlhe ya Lwetse go rapelela seemo se se sa nnang sentle se,” ga bua Mookami Motlhagodi.
O rotloeditse barapedi go nna le kgolagano le Modimo o o tshelang gore seemo sa mogare wa corona se tle se fetoge.
A re sebaka se gorogile gore barapedi botlhe lefatshe la Botswana, ba eme ka dinao ba rwale maikarabelo a go aga setshaba le go fetola diemo tsotlhe tse di sa nnang sentle ka go rapela.
“Re fano mo mosepeleng wa go le gakolola gore kgwedi ya dithapelo ya Lwetse e gorogile. Mme re le boeteledipele jwa dikereke tsa semoya, re batla gore re ikgakologelwe re rwale maikarabelo a rona re le dikereke a go fetola matshelo a batho le diemo tse di sa siamang,” ga bua Rre Motlhagodi.
Puso ya Botswana, Mookami Motlhagodi a re e lemoga boleng le seabe sa dikereke, ka jalo a re barapedi ba tshwanetse ba ema ka dinao go rapela ba gololesegile.
“Se ke kopo ya me mo go lona ka gore seemo se se batla thapelo.
Boetelefipele jwa lefatshe le, bo a itse gore baruti ba neetswe thata, ba na le tshepo e bile ba na le go golagana le go bua le Modimo, e bile fa baruti ba bua le Modimo go ka nna le pharologanyo,” Mookami Motlhagodi a tlhalosa.
Mo godimo ga moo, Mookami Motlhagodi o gateletse botlhokwa jwa go obamela le go diragatsa ditaelo tsotlhe tsa ba botsogo mo dikerekeng go kganela kanamo ya mogare wa corona mo lefatsheng.
O rotloeditse baruti le maloko a dikereke tsa semoya gore ba bulele puso dikgoro tsa dikereke tsa bone, bogolo jang ka nako ya tlhagogo ya dipetso tsa tlholego, fa go batlelwa ba ba amegileng boroko jwa nakwana.
A re dikereke di tshwanetse tsa ema puso nokeng mo go diragatseng maikaelelo otlhe a yone.
Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Moruti Majase o lebogetse Mookami Motlhagodi go bo a ne a ipha sebaka sa go tla go kgothatsa le go rotloetsa maloko a kereke ya gagwe go rapela ba gololesegile ka kgwedi ya dithapelo ya Lwetse.
Fa a ntsha la gagwe, mokwaledimogolo wa dikereke tsa semoya, Moruti Clive Maluke o gakolotse barapedi go itse fa lorato lwa Modimo e le lone tshireletso le seikokotlelo sa bone ka nako tsotlhe.
“Fa Modimo a le ntlheng ya rona, ga gona yo o ka nnang kgatlhanong le rona.
Re tshwanetse ra itse fa go sena diemo dipe tse di ka re kgaoganyang le Keresete.
Le fa diemo tse re iphitlhelang re le mo go tsone mo nakong ya gompieno di re tsentse mo ketsaetsegong, a re seka ra nna ka tlhobaelo kgotsa letshogo,” ga tlatsa Moruti Maluke.
Mo mafokong a gagwe a kgothatso, Moruti yo o okametseng kgaolo ya Mahalapye/Tswapong Bokone, Moruti Linda Ramoleko o gateletse gore go botlhokwa gore fa go sirelediwa ngwana wa mosetsana, le wa mosimane a seka a lebalwa.
A re go dira jalo go ka thusa gape gore ngwana wa mosimane a seka a gola a na le kilo e ntsi mo ngwaneng wa mosetsana le gore ngwana wa mosimane a seka a tsoga a kgokgontsha wa mosetsana.
Fa a ntsha malebo, Moruti wa Jerusalem Zion Church kwa Sefhare, Moruti Oduetse Maleo o kgothaditse bakeresetse gore ba seka ba nyema moko go lepalepana le diemo tsotlhe tse ba kopanag le tsone mo botshelong ka gonne Modimo o di dirile a itse fa ba tlaa itsetsepela mo go tsone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : Puisanyo le maloko
Date : 25 Aug 2020