Kereke ya Ninifi e abela sekole diphepafatsi
23 Aug 2020
Mokhanselara wa Thito-Bombadi kwa Maun Rre Kebonyemodisa Ramolapo o lebogile kereke ya Ninifi Apostolic Daily Mission Church go bo e abetse sekole se sebotlana sa Tawana 1 Memorial didirisiwa tse di phepafatsang.
Rre Ramolapo o ne a bua se fa kereke eo e aba dimpho kwa sekoleng seo ka Labotlhano. Kereke eo e abile dipheelo, tse di sutlhang metsi, diatlana le matsela tse di lopileng P1 700.
Mokhanselara o supile fa segajaja sa COVID-19 se amile mafatshe, mebuso le tsone dikhansele tsa lefatshe leno, ka jalo a re dithuso tsa go tshwana le didirisiwa tse di phepafatsang di botlhokwa mo go lwantsheng bolwetse joo.
Rre Malapo o ne a akgola barutabana a re ba tshwere ka natla le ntswa le bone ba le mo letshogong la gore ba ka angwa ke segajaja sa COVID-19 ba theogetse.
Mogokgo wa Obogisitswe Moilwa o ne a supa fa sekole seo se tsweletse ka kgolo, a re se na le bana ba le 972 le barutabana ba le masome a mararo le borataro.
Mme Moilwa o ne a leboga go menagane kereke ya Ninifi go bo e ba gopotse.
Mookamedi wa Ninifi Apostolic Daily Mission Church, Arch Bishop Gabaitsiwe Mathemba o ne a re kereke eo e ne e bona go tshwanela gore e thuse sekole ka didirisiwa tse di thusang mo go thibeleng sejaja sa COVID-19.
Arch Bishop Mathemba o ne a re kereke e tlhaloganya fa COVID-19 e amile batho le yone puso, bogolo jang mo go tsa madi, mme a re kereke e bone gore e thuse ka bonnye jo e bo kgonang.
Modulasetilo wa komiti ya batsadi le barutabana Rre Oduetse Kgopisi o lebogetse dimpho tseo a re di tlaa thusa tka bophepa, sengwe se a rileng se botlhokwa go lwantsha segajaja. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : KABO DIMPHO
Date : 23 Aug 2020