Breaking News

Maloko a itshetsa ka borotho

23 Aug 2020

Maloko a mokgatlho wa A Re Iketeetseng  Basadi Women Group  kwa Seleka a itshetsa ka go rekisetsa dikole, dimausu, marekisetso le batho ka bongwe ka bongwe borotho.

Mokgatlho o wa maloko a le lesome le boraro, bomme ba le lesome le bobedi le rre a le mongwe, o fa o le teng ka dithuso tsa lenaneo la puso la Gender Affairs le ka nako eo le neng le bidiwa Women Affairs.

Lenaneo leo le ne le tlhamilwe ka maikaleleo a go thusa, go tlhabololola le go tokafatsa matshelo a bomme, segolo jang kwa metseng selegae.

Mo potsolotsong le BOPA bosheng, modulasetilo wa mokgatlho oo, Mme Thaloso Ditsela o ne a supa fa mokgatlho o tlhamilwe ka 2009 e le bomme fela.

Ka lesego Mme Ditsela a utlwalela ka lenaneo leo, mme  a seka a ipona tsapa a kopana le bomme ba le bane go buisana ka lone.

Ba rwala ditlhako go latedisa ka lenaneo le, mme ba Gender Affairs ba ba tlhatlhelela ka ditsamaiso le gore lenaneo leo le tlhoka batho ba le masome a mabedi go bopa setlhopha se se ka thusiwang, e bile le sa tlhaole ka bong.

Modulasetilo wa mokgatlho a re ba ne ba tswa letsholo, ba itlama gore jaaka ba le bane mongwe le mongwe a tle ka batho ba le bane.

Ba kgona go bona palo e e tlhokwang.

Ka go twe go aletsa ga se go itse go bofa, ya re ba tsweletse ba le masome mabedi jalo, bangwe ba ikgogela morago ba sala ba le lesome le boraro. Seo sa seka sa ba kgoba marapo ba ne ba tsweledisa tema.

Ba ikopanya le banni ba motse le dikgosi go ba thusa go wetsa tema e ba e segileng, ba atlega, ka jalo ba kgona go kwadisa mokgatlho ba semelela.

Mokgatlho o kwadisitswe ka 2011, ngwaga o o latelang ba kgona go bona setsha, se e rileng kopo ya bone e atlega ka 2016 ba bo ba itse gore ba ka direla fa kae. Ba ne ba abetswe P283 000 mme mo mading ao ba tlhabolola setsha le go reka didirisiwa tse di tlhokafalang mo kgwebong.

Mme Ditsela a re o leboga thata kemo nokeng le dithuso tsa ba lephata la boipelelo ba ba neng ba kgona go thusa ka tsotlhe tse di tlhokwang go fitlhelela kgwebo e simolola go dira mono ngwaga.

A re mo mading ao ba ne ba kgona go tsenya metsi le motlakase, mme mo go neng ga sala ba go dirisa go reka tsele le tsele tsa kgwebo, e e rileng e re e ntsha tlhogo go bo go tsenwa mo kiletsong mesepele go lwantsha kanamo ya mogare wa corona.

Modulasetilo a re seo se ne sa seka sa ba kgoba marapo ka ba ne ba kgona go tsenya sengwenyana ka go fepa batho ka borotho le  ntswa go ne go le thata ya lentswe.

A re ba ne ba rekisetsa banni, Save-Rite le dimausu mo motseng.

Mo nakong eno, ba supa fa kgwebo e tsweletse le fa e ise e itshetlele sentle.

Madirelo a bone a apaya marotho ka mefuta, e bile ba kgona go apeela ba mediro le manyalo.

Mme Ditsela o ne a supa fa ba na le letlhoko la sepalamo go isetsa batho kwa madirelong.

A re ba tlhokana le go oketsa didirisiwa ka kgwebo e gola, selo se a reng e ka nna kgwetlho isago.

Maloko a mokgatlho oo a santse a ikgatlhile mala, ka ba santse ba lebeletse gore kgwebo e dira jang le go bona e godile mo e ka ba neelang letseno le le nametsang.

Mme Ditsela a re boineelo, bopelotelele, kutlwano le lorato ke tsone pinagare ya kgwebo.

O ne a kgotlhatsa bomme go ema ka dinao go tsaya mananeo a puso a a sa duelweng go simolodisa dikgwebo go tokafatsa matshelo le malwapa a bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso simon

Location : SELEKA

Event : POTSOLOTSO

Date : 23 Aug 2020