Breaking News

Mmakaseterata tlosolosa letsatsi la tsheko

23 Aug 2020

 Mmakaseterata wa Maun, Mme Keneilwe Kgoadi o tlosolositse letsatsi la go itshupa kwa kgotleng ya ditsheko ga ga Katieva Thehengo, yo o lebisitsweng molato wa bogodu jwa leruo.

Thehengo, 57, wa kgotla ya Botshabelo kwa Maun,  o lebisitswe molato wa go utswa masome a mabedi le boferabobedi a dipodi tse di lopang P28 000.

Dintlha tsa kgang di tlhalosa fa dipodi tseo di ne di le mo tlhokomelong ya mapodisi ka di ne di beilwe e le bosupi kwa Komana.

Go belaesega fa mosekisiwa a utsule leruo leo kgwedi eno e le lesome le bone gone kwa Komana.

E ne ya re ka Labone fa mmelaelwa a ile go itshupa fa pele ga lekgotla, Mmakaseterata Kgoadi a tlhalosa fa mosekisiwa a se mo seemong sa go ka ema fa pele ga lekgotla ka a lebaga a gobetse.

Mmueledi wa Mosekisiwa, Rre Charles Tlagae o ne a gatelela gore mosekisiwa ga a mo selebegong sa go ka ema fa pele ga lekgotla, a re ebile seo ga se beye mapodisi le bosekisi mo tshiamelong ka ekare badira molato ba a sotlwa.

Moemedi wa bosekisi go tswa kwa sepodising, Rre Paul Basupi o ne a kopa gore mosekisiwa a itshupe fa pele ga lekgotla a bo a tshegediwe mo kgolegelong mme mmakaseterata a rekegela gore mosekisiwa ga a mo seemong se se siameng, o tlaa itshupa Lwetse a le lesome le boferabobedi.

Mo kgannyeng e nngwe, banna bangwe ba babedi ba itshupile fa pela ga ga Mmakaseterata Kgoadi mabapi le bogodu jwa leruo le go fitlhelwa ka nama e go belaesegang e le ya bogodu.

Bobedi joo, Clifford Kula, 26, le Ntholang Mokhutshwane 31, ba lebisitswe molato wa go utswa namane kwa morakeng wa Samedupi Tlhakole a tlhola ga rataro le go fitlhelwa ka nama ya bogodu.

Basekisiwa ba ne ba re ga ba ba ipone molato mo dintlheng tsoo-pedi.

Tsheko e tlaa tswelela Lwetse a le lesome le bosupa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : TSHEKO

Date : 23 Aug 2020