Breaking News

Marekisetso a Saverite a butswe kwa Letlhakane

23 Aug 2020

Kgosi Tikologo Supang wa Letlhakane o kopile boradikgwebo go ela tlhoko banana mo motseng oo, ka e leng bone ba ba amilweng thata ke letlhoko la ditiro.

Kgosi Supang o buile mafoko a  kwa pulong semmuso ya marekisetso a Saverite a a neng le bulwa kwa motseng oo kwa kgotleng ya Tawana ka Labotlhano.

O ne a supa boitumelo go bo marekisetso ao a bone mosola wa go tla go bulwa mo motseng wa bone, a re se se thusa banni go fokotsa go tsamaya mosepele o moleele go ya go reka dijo.

Ka jalo o ne a kopa banana ba ba setseng ba thapilwe ke lmarekisetso ao go bereka ka natla le go itshwara sentle gore ba tlhofofaletse bahiri tiro.

Fa a tswa la gagwe, moemedi wa madirelo a Trident, Rre Mothusi Keabetswe a re o lebogela tirisano mmogo le bopelotelele jwa Alpha Team go fitlhelela ba bula Saverite Supermarket mo Letlhakane.

Rre Keabetswe o ne a tlhalosa fa a lebogetse tirisanyo mmogo ya Alpha Team le bone  mo go buleng marekisetso ao, a tlatsa ka gore o eletsa fa kgolagano ya bone e ka nna ya  sennela ruri.  

O ne gape a lebogela tshepho e ba neng ba nna le yone ka ba ne ba dira kgwebo le bone.

O ne a ba akgolela go bo ba thapile banana ba motse oo.

Rre Boitshepo Mbonini yo e leng mong wa Saverite a re o simolotse kgwebo ya gagwe ka General Dealer,  mme ditoro tsa gagwe e le go e godisa, ke ka moo a feletseng a bula Saverite. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gorataone Mmolotsi

Location : LETLHAKANE

Event : Pulo semmuso marekisetso a Saverite

Date : 23 Aug 2020