Breaking News

Ba kgotla yoo Tshosa ba abela sekole

23 Aug 2020

Banni ba kgotla ya Tshosa le marekisetso a Builders World kwa Serowe ba abetse sekole se sebotlana sa Motetshwane dimpho.

Banni boo Tshosa ba abetse sekole dibeisane tse di tlhapelang diatla fa ba Builders World ba ne ba abela sekole dibipa melomo le dinko.

Fa a bua kwa tirong ya go rola dimpho tseo ka Labotlhano, mogokgo Rre Ontiretse Kenaope a re ntswa ba lephata la thuto ba thusitse go bona gore sekole sa gagwe se obamela melawana ya COVID-19 ka go tsenya dibeisane tse di tlhapelang diatla, seo se ne se sa lekana, ka baithuti ba le bantsi.

A re palo ya baithuti bao e tsamaya kwa go 632 mme didirisiwa tse di tlhapelang diatla di tlaa thusa gore baithuti ba seka ba ema sebaka se seleele kwa kgorong ya sekole ba tlhapa diatla.

O ne a rotloetsa batsadi go tswelela ba rotloetsa bana kwa malwapeng go tlhapa diatla, a bolela fa bangwe ba baithuti ba tlhapa diatla ka meno a maleele ntswa ba rutwa mosola wa go tlhapa diatla mo nakong eno ya segajaja sa Covid-19.

Mogokgo o ne gape a re dipiba melomo le dinko  tse ba di abetsweng ke ba  Builders World di tlaa thusa baithuti ka bangwe ba kgona go lebala tsa matsela kwa malwapeng.

Kgosi Motamedi Tshosa wa oora Tshosa o ne a supa fa ba kgotla ya gagwe ba tsweledisa mowa wa go aba o ba ntseng ba o dira ka ba kile ba thusa sekole seo mo modirong wa kabo-dimpho.

O ne a kopa boeteledipele jwa sekole seo go rurifatsa gore baithuti ba dirisa didirisiwa tse di tlhapelang diatla sentle ka e le tsone di tlaa ba sireletsang mo segajajeng sa COVID-19.

Mogolwane go tswa kwa lephateng la Thuto go tswa kwa Moding, Mme Didimalang Mmemo o ne a ikuela mo batsading go amogana le bana ba bone thuto ka COVID-19 kwa malwapeng a ba a supa fa bolwetse jo bo le teng e bile bo le borai.

A re fa batsadi ba sa etleetse bana kwa gae go thusa barutabana, dikole di tlaa felela di tswetswe lebakeng la Covid-19 mme seo se busetse tiro kwa morago.

O ne a kopa batsadi go emisa go tsamaya le bana kwa mafelong a setshaba ka se se ka ba baya mo diphatseng.

A re go motlhofo gore bana ba tsee bolwetse kwa mafelong a setshaba, bogolo jang kwa marekisetsong ka ba tshwaratshwara. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : GABORONE

Event : KABO DIMPHO

Date : 23 Aug 2020