Kgosi Mosweu o lela ka bomatshaba sekole
20 Aug 2020
Bogogi jwa Motshegaletau bo mekamekane le go busetsa bana ba ba tshabileng sekole morago ga go kganela metsamao mo go neng ga goga dikgwedi tse pedi go tloga Moranang.
Kgosi Mogotsi Mosweu o supa fa bana bangwe ba tshabetse kwa dipolaseng tse di gaufi le Motshegaletau.
Kgosi o tlhaloseditse BOPA fa bangwe ba ngwegisiwa ke batsadi, ba ba tseela kwa dipolaseng le meraka go nna le bone.
O kgalemile mokgwa oo a re ngwana le fa e le wa gago, go mo rontsha thuto ke molato.
Le fa go ntse jalo kgosi a re ka tshwaragano ya bogosi, barutabana le komiti ya ditlhabololo tsa motse,ba leka bojotlhe go busetsa bana sekoleng.
Kgosi a re bontsi jwa banni e fudegetse dipolaseng go ya go batla ditiro teng fa e sale lenaneo la Ipelegeng le emisiwa ka nakwana.
A re Ipelegeng e ntse e le yone boremelelo jwa ditiro, bogolo jang mo metseng e tshwana le wa Motshegaletau.
Motho o ka akanya gore phuduga e, ke go ya go batla botshelo mme kgosi o bolela fa bangwe e a re ba tsena koo, ba simolole mekgwa e e maswe ya go utswa leruo ba tsaya gore fa ba le koo, mapodisi ga ba ba bone.
A re bangwe gape ba titiela majalwa e se ka fa molaong, morago ba lwe ba remane ka dilepe le go tlhabana ka digai.
Kgosi o boletse fa letlhoko la dipalamo le ketefaletsa mapodisi go tsisa badiramelato go tla go e arabela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MOTSHEGALETAU
Event : POTSOLOTSO
Date : 20 Aug 2020