Ditlou di ralala Hukuntsi
20 Aug 2020
Mookamela ofisi ya lephata la diphologolo mo kgaolong-potlana ya Hukuntsi, Rre Banele Jongoliso o tlhagisitse banni ba kgaolo-potlana eo le metse e e mabapi go nna podi matseba mabapi le ditlou tse di tsweletseng ka go ralala kgaolo ka di ka nna borai.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Jongoliso a re ba amogetse pego mabapi le ditlou tseo ka Matlhatso, kgwedi eno e le lesome le botlhano, morago ga gore di bonwe mo thoko ga tsela dikhilomethara di ka tshwara masome a mabedi go tswa mo Hukuntsi go ya Kang.
Rre Jongoliso a re ditlou tseo, go begwa fa di le nne ka palo, mme go belaesega di timeletse mo kgaolong di le mo letsomong la metsi go tswa kwa lefelong la diphologolo la Central Kalahari Game Reserve (CKGR).
O boletse fa mo ditloung tseo, tse tharo e le tse dikgolwane fa di patilwe ke e potlana mme a supa fa di ka nna borai fa di ka tshoganyetsa batho, sebe sa phiri e le go leka go sireletsa e potlana.
Le fa go ntse jalo, Rre Jongoliso o supile fa ba setse ba gatisitse kgang ya tshenyo ya tsone e le nngwe, morago ga gore di kgaole mathompho a sediba kwa merakeng ya Tlhowe.
O ne a tlhagisa banni go fokotsa metsamao ya makuku a naka tsa kgomo gammogo le ka lotlatlana.
O ne gape a tsibosa banni, segolo jang ba ba kwa merakeng gore fa ba ka tshogana ba kopana le tsone, ba leke ka bojotlhe gore ba seka ba di koba ka dintsa.
A re go dira jalo go ka di tlatsa bogale mme tsa nna borai mo matshelong a bone.
Ka jalo, o ne a ba rotloetsa gore bogolo ba di kobe ka go tsosa modumo ka go opa diatla kana ka go itaya meropa gore di tshabe, a tlatsa ka go re gape ba ka itshwaraganya le ba ofisi ya lephata la diphologolo kana go begela ba ofisi ya sepodisi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : HUKUNTSI
Event : POTSOLOTSO
Date : 20 Aug 2020