Banna ba tshwerwe ka marole
20 Aug 2020
Mapodisi a Nata a tshwere banna ba le bararo ba motse oo go ba thusa mo ditlhotlhomisong mabapi le bogodu jwa leruo.
Mo potsolosong le BOPA ka Labobedi, mogolwane wa mapodisi a Nata, Superintendent Vincent Pitsietsile o boletse fa banna bao ba fitlhetswe ka marole a le mane, a go supegang a tlhaotswe mo go bommaao.
Supt Pitsietsile o tlhalositse gore ba ne ba kgona go bona mong wa marole ao, yo a neng a tlhalosa fa marole a gagwe a timetse a supa, a ne a tlhaolwa mo go bommaao kwa mahudisong.
O boletse fa e rile marole a kopanngwa le bommao, nngwe le nngwe ya ya fa go mmaao, a re marole ao a ne a ise a tshwaiwe ka a ne a santse a le mannye.
Supt Pitsietsile a re ditlhotlhomiso di santse di tsweletse, e bile ba santse ba le mo letsomong la marole a mararo a a sa bonwang. A re ba santse ba tshegeditse babelaelwa go fitlhelela ditlhotlhomiso di wela. A re fa ba ka bonwa molato ba lebanwe ke go ya kgolegelong dingwaga tse tlhano kana go feta foo fa ba ka fitlhelwa e se lwa ntlha ba dira molato oo.
Mo tiragalong e nngwe, Supt Pitsietsile a re teraka ya modiro wa UD4, e e neng e rwele dijo tsa leruo e tswa Pandamatenga e ya kwa kgaolong ya Letlhakane, e ne ya kapa molelo mme batho ba ne ba kgona go thusa go tima molelo oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga
Location : NATA
Event : POTSOLOTSO
Date : 20 Aug 2020