Breaking News

Boimana jwa baithuti bo a kekela

20 Aug 2020

Tona wa Lephata la Thuto go tswa kwa Moding, Rre Fidelis Molao a re o tshwenngwa ke dipalo tse di kwa godimo tsa borre ba bagolwane ba ba amegang mo tirisong botlhatswa ya bana ba dingwaga tse di kwa tlase.

O buile jaana kwa dipuisanyanyong tsa Palamente bosheng, kwa a neng a tlhalosa fa baithuti ba le masome matlhano le borobabobedi ba ne ba ima ka nako ya kiletso mesepele ya ntlha,  go tswa ka kgwedi ya Motsheganong go tsena ka Moranang.

O tlhalosa fa seemo se, se ama baithuti ba dikole tse dipotlana ga mmogo le tse dikgolwane.

A re baithuti bao ba lemogilwe fa ba le baimana jaaka dikole di ne di bulwa bosheng go supa fa boimana joo bo le bosha.

Tona Moalo a re go supa fa boimana joo bo diragetse ka nako e baithuti ba neng ba le kwa malapeng ka fa tlase ga tlhokomelo ya batsadi.

A re seemo se se ngomopla pelo e bile se baka dipelaelo tebang le tlhokomelo e batsadi ba e fang bana fa ba se sekoleng.

Tona Molao a re e re ntswa lephata le sa dire dipatlisiso tse di tseneletseng tebang le ba ba amegang mo boimaneng jwa baithuti, go le gantsi ba tlogela mapodisi go tsaya ditshwetso tse di maleba.

Tona Molao a re ntswa  puso le ba-na-le seabe ka go farologana ba dira ka gotlhe, maiteko a bone a busediwa morago ke  batsadi bangwe ka go rotloetsa mekgwa e e sa amogeleseng.

A re ntswa batsadi bangwe ba na le kitso ya gore bana ba bone ba dirisiwa botlhatswa, ba itlhokomolosa seo ka go tlhoka go bega dikgang tseo ka ba gabile dipoelo.

Go sale foo, Tona Molao o supile gape fa dingwao dingwe di rotloetsa go ima ga bana.

A re ngwana o kgona go rulaganyediwa lenyalo ntswa dingwaga tsa gagwe di ise di lekane go ka tsena mo nyalong.

A re puso e tsere tshwetso ya gore baithuti ba ka boela sekoleng morago ga pelegi go tsweledisa dithuto.

A re Lephata la Thuto go tswa kwa Moding ga mmogo le barutabana ba dithuto tsa bogakolodi ba dira ka gotlhe go sidila baithuti maikutlo go ikamogela morago ga boimana.

Go sale foo, Rre Molao a re le fa baithuti ba rutwa ka tsa tlhakanelo dikobo kwa dikoleng, seabe sa batsadi se botlhokwa go tsweledise dithuto tseo kwa lwapeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : Palamente

Event : Dipuisanyanyo tsa Palamente

Date : 20 Aug 2020