Breaking News

Badirelapuso ba kopiwa go ititaya ka thupana

20 Aug 2020

Molaodi wa kgaolo-potlana ya Tutume, Mme Utlwanang Kerekang o kopile badirelapuso go di goga kwa pele mo go rutuntsheng batho mo mafelong a ba direlang mo go one ka bodiphatsa jwa COVID-19.

Mme Kerekang o buile jaana kwa phuthegong ya badiri ba tsa botsogo kwa Tutume ka Mosupologo.

A re ka e le matlho a puso ba tshwanetse go di goga kwa pele go thibela kanamo ya mogare.

A re mongwe le mongwe o tshwanetse go tsaya gore o na le mogare ka a sa itse seemo sa gagwe mabapi le segajaja sa COVID-19, mme a tswelele ka go itlhokomela ka go tlhapa diatla ka metsi le molora, go rwala dibipa molomo le nko le go katologana ka dinako tsotlhe.

A re ka tirisanyo mmogo le tshwaragano, ba ka kgona go thibela mogare go tsena mo diofising.

O ne a kgala batho ba ba sa saleng ditaelo tsa botsogo morago, a gatelela ka go re mogare o teng e bile dipalo tsa batho ba ba tshwerweng ka mogare di gola letsatsi le letsatsi, jalo go tlhoka gore batho ba tseye boikarabelo.

Molaodi Kerekang a re o ngomolwa pelo go feta ke batho ba ba tshabang go tsena mo serubing.

Molemisi kwa kgaolong ya Nshakashogwe, yo gape e leng moithaopi yo o tlhatlhelelang badiri ba botsogo, Rre Koziba Mathethe a re tiro ya safety health environment officer ke go lebelela botsogo mo tirong.

Rre Mathethe a re mo nakong ya COVID-19, ba tshwanetse go itebaganya le matshwenyego a a tsisiwang ke bolwetse joo le gore ba ka ipabalela jang mo mafelong a ba direlang mo go one le ba ba ba thusang.

A re ba tshwanetse go tsaya tsia tiro ya bone ya go kwala le go tsaya mogote, a tlatsa ka gore tiro eo e botlhokwa ka fa go latedisiwa molwetse gore o ka tswa a amane le bomang go dirisiwa buka eo, mme fa go ka fitlhelwa molwetse a supa fa a kile a kgabola foo mme go sa kwalwa go raya gore tiro ga e a dirwa ka tshwanelo.

O ba gwetlhile go nna ba lebelela gore a tikologo e ba direlang mo go yone e siametse batho ba ba foo le go bona gore batho ba tsewa mogote ka nako tsotlhe.

Batsena dithuto tseo ba ne ba supa fa ba nna ba kopana le dikgwetlho tsa batho bangwe ba ba reng fa ba thusitswe pele, ba bo ba tla morago ga dioura tse pedi, ba batla go tshelwa molora o o bolayang mogare fela ba sa tsewe mogote le go kwalwa.

Rre Mathethe a re ka tshwanelo ba tshwanetse go kwala le go tsewa mogote gape ka go sa itsewe gore ba ka tswa ba amane le bomang ke nako eo. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTU

Event : Phuthego ya badiri ba puso

Date : 20 Aug 2020