Mosimanyana o fitlhetswe a Tlhokafetse
20 Aug 2020
Mapodisi a Werda a tlhotlhomisa kgang e mo go yone mosimanyana wa ngwaga tse thataro a fitlhetsweng a tlhokafetse ko Kokotsha mo kgaolong ya Kgalagadi borwa.
Fa a tlhalosa mo potsolotsong le BOPA, mogolwane wa mapodisi a Werda, Superintendent Mompoloki Ramatsia a re mapodise ba ne ba amogela pego e go neng go bolelwa fa batsadi bangwe ba ne ba ile le bana go epa sengaparile, mme jaanong ba sa bone mosimanyana wa ngwaga tse thataro.
A re batsadi bao, ba ne ba kampile mo sekgweng gaufi le Kokotsha, mme go bolelwa gore ngwana yoo, o ne a setse le monnawe wa dingwaga tse tharo ko kampeng, mme go belaesega gore bana bao ba ne ba re ba latela batsadi ba bone ko ba neng ba epa sengaparile teng, mme ka go tlhoka lesego ba timela mo sekgweng.
Rre Ramatsia o tlhalositse gore go supagala gore batsadi fa ba boa ba bone wa ngwaga tse tharo mo tseleng, mme mogolowe ene a sa bonale.
Tiragalo eo, e diragetse ka Labobedi mme ba mmatla ba seka ba mmona, mme e rile ka Laboraro maitseboa, batsadi ba kopa thuso ko go ba sepodisi. Ya re morago ga go kuelwa mokgosi, mapodisi ba tswa letsholo le ba ba neng ba ile go bapala sengaparile ga mmogo le baagi ba motse wa Kokotsha go batla mosimanyana yoo, mme e rile maitseboa a Laboraro ngwana a bonwa.
Rre Ramatsia a re go ne go lebega e kare o tlhokafetse, mme o ne a tsewa a isiwa ko go ba sepatela sa Tsabong ba ba fetileng ba rurufatsa fa e le ruri a tlhokafetse.
O tlhalositse gore dipatlisiso tsa ba sepodisi di supile fa go ne go sa supagale fa sebatana sepe se kile sa mo tlhasela fa a neng a le teng, mme go ne go belaesega a ka tswa a ne a bolailwe ke letsapa le serame, ka go ne go le serame fela thata.
A re setopo sa mosimanyana yoo se beilwe kwa setsidifatsing kwa Werda go re se tlhatlhobiwe ke ba bongaka, go bona gore loso la ngwana yoo le ka tswa le bakilwe ke eng.
A re kgaolo ya Kgalagadi borwa e tletse dibapalwa nageng tse e leng gore ngwaga le ngwaga di a bololelwa selekanyo sa dikgwedi, ka jalo go botlhokwa gore batsadi ba senke mongwe yo o ka ba salelang le bana kwa gae, ka gore ga go a sireletsega go tsamaya le bone ko nageng.
A re borai jwa go tlogela bana ba ba botlana ba le nosi ke gore ba ka fitlhelwa ba tshubile molelo kana ba diragaletswe ke sengwe.
Rre Ramatsia are go botlhokwa gore go tsibogelwe gore go itsisiwe mapodisi ka nako fa mongwe a timitse bogolo jang mo pakeng eno ya serame ka gore motho o ka bonwa go sale nako. Gape a re bana ba tshwanetse ba kwadisiwe ko sekolong ka nako, ka go supega fa ngwana yoo a ne a lekane go tsena sekolo. Ends
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : WERDA
Event : Interview
Date : 20 Aug 2020