Breaking News

Matlhabelo a Serowe ga a buse ditshenyegelo

19 Aug 2020

Matlhabelo a khansele-potlana ya Serowe go kaiwa fa a aja madi a mantsi mo go tsitsibanyang mmele, mme a sa buse sepe go thusa khansele go dira letseno le le botoka.

Go buile jalo mogolwane mo lephateng le le okametseng ditiro tsa tlhokomelo tikologo le tsa botsogo, Mme Boammaaruri Letebele.

Mme Letebele o buile jalo maabane fa komiti ya makhanselara ya botsogo e ne e etetse matlhabelo ao, letamo la kgopho ya metsi a a leswe le kwa go latlhelwang matlakala teng.

Maikaelelo a komiti eo, e ne e le go batla go bona gore a melawana ya go laola kanamo ya mogare wa corona, e salwa morago kwa madirelong ao le ka fa a dirang ka teng.

Mme Letebele o boletse fa matlhabelo a na le dikgwetlho tse di tona thata, tse di dirang gore khansele e senyegelwe, mme e sa boelwe.

O ne a tlatsa ka go re maikaelelo a puso ke gore dikhansele di itirele letseno ka go tsaya madinyana mo bathong, ba ba thusiwang letsatsi le letsatsi.

O boletse fa matlhabelo ao a tlhaba dikgomo di le masome mabedi ka letsatsi, mme kgomo nngwe le nngwe e lopa P90 fa pudi yone e le P30 bokete jwa kilogram.

A re ba ba tlhatlhobang dinama tseo, ba lephata la tlhokomelo leruo le mathoko ba lephata la temo-thuo ba tsaya P30 mo teng.

O boletse fa tiro ya bone e le go tlhabela batho ba mediro jaaka manyalo, dintsho le batho ka bongwe ka bongwe.

Mme Letebele a re le fa ba dira jalo, didirisiwa tse ba di dirisang le metsi di turu.

O boletse fa dikgomo dingwe di tla di na le bolwetse jwa Mabele, mme go patelesege gore ba dirise matlakase o montsi thata go tsidifatsa nama eo gore mogare o swe, fa tse di mogare montsi di tshujwa, mme mong wa kgomo a tswe a iphotlhere.

Mme Letebele o boletse fa go senyega ga didirisiwa tsa matlhabelo go tshwenya, e bile gape matlhabelo a pitlagane, a batla go atolosiwa, ga mmogo le masaka a dikgomo le dihutshane.

A re matlhabelo a hekeediwa ke dikgomo tse di tlang kwa go one.

“Matlhabelo a thapile batho ba le lesome le borataro mme ba dira ka botswapelo,” ga bua jalo Mme Letebele. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : KETELO YA MATLHABELO

Date : 19 Aug 2020