Moletsi wa katara o kopa thotloetso
19 Aug 2020
Selo se botswerere fa Modimo a bo go file o a bo a bo go file, ga go na yo o ka bo go amogang.
Rre Macdonald Tsheko, 35, ke monana yo o abetsweng botswerere jwa go opela le go letsa katara.
Molodi wa katara le dipina tsa gagwe, ga se tse motho a ka di ikgatholosang, le fa o ka ne o ratile.
Gantsi o letsa kwa batho ba kgobokaneng teng, jaaka fa pele ga marekisetso kgotsa kwa metshineng ya dibanka.
Rre Tsheko gantsi o opela dipina tsa Sekeresete le tse di iketlileng a di tswaka ka go tla a ipolelela gore o mang o tswa kae o ikaelela go ya kae le botshelo.
A re o dira jaana go tlosa batho bodutu fa ba emetse ditirelo gore e seka ya re ba le mo meleng, ba fela pelo ba tsamaya le gore setshaba se mo itse.
Go dira jalo a re go a mo thusa ka bangwe ba a tle ba mo tseye dinepe, ba mo tsenye mo maranyaneng mme seo se tshikinye mongwe maikutlo.
Bangwe e a re ba mo reeditse, ba nne ba mo latlhelele madi.
Rre Tsheko a re o goletse kwa Palapye, mme o godile a sena tsebe, a sa reetse batsadi mo a neng a felela a tlogela sekole a dira lekwalo la bosupa.
A re o ne a inaakantse le bana ba ba neng ba sa utlwe mme a felela a tshwana le bone.
A re ga a ipitse ka setlankana sepe sa dithuto, o beile fela mo lethaleng.
Talente ya gagwe a re o kile a bo a sa itse fa a na le yone, a sa itse a fa a na le lentswe le le monate la go opela, mme ya re a ntse a loga maano a botshelo, a tlelwa ke kakanyo ya go ithuta go letsa katara.
O simolotse go letsa katara mo go tseneletseng ka 2005, a dira le ditlhopha di tshwana le Goddy, Velast Wa Mosarwa, Snacks and the Wonder Musica le Vango Musica.
Bokgoni jwa gagwe jaanong jwa bo bo itshupa mo a neng a felela a ikemela ka nosi.
Rre Tsheko a re e ne ya re tshimologong ya ngwaga o o fetileng, a simolola go nna a letsa katara, a opelela digongwana tsa batho.
A re mme mongwe kwa Francistown o ne a mo tsenya mo maranyaneng mme mongwe go tswa Ireland, a mo thusa ka P20 000 gore a kgone go gatisa dipina tsa gagwe.
Ya bo e le jaaka fa botshelo jwa gagwe bo fetoga, dipina tsa gagwe tsa goroga kwa diromamoweng.
A re ga go ise go lekane ka a santse a tlhoka dithuso tsa madi go gatisa di CD le go dira ditshwantsho tsa motshikinyego tsa mmino
Rre Tsheko a re COVID-19 e amile tiro ya gagwe ka o ne a kgona go hirwa a letsa kwa meletlong e mo bogompienong e santseng e emisitswe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Polelo
Date : 19 Aug 2020