Ba lela ka lenaneo la Ipelegeng
19 Aug 2020
Banni ba Khawa ba bontsi ba neng ba ikaegile ka lenaneo la Ipelegeng ba lela ka tlala morago ga go emisiwa ka nakwana go thibela kanamo ya mogare wa corona mo lefatsheng leno.
Mo puisanyong le BOPA bosheng kwa Khawa, Kgosi Piet Manyoro a re fa e sale lenaneo la Ipelegeng le emisiwa morafe wa gagwe o lela ka ramatheka, ka bontsi bo ne bo tshetsa ba malwapa a bone ka lemmenyana le ba neng ba le amogela kwa Ipelegeng.
Kgosi o ne a supa fa a itumedisitswe ke tshwetso ya puso bosheng, ya go busetsa Ipelegeng morago ga go e sekaseka le go e tlhabolola, selo se a boletseng fa se tlaa busetsa seriti le go tshetsa malwapa a banni ba ba sa berekeng gope fa bangwe ba tshela fela ka dijo tsa batlhoki tsa kgwedi le kgwedi.
A re ntswa bangwe banni ba akotse mananeo a puso a go thusiwa ka dihutshane, bangwe ba felela ba sa tlhokomele leruo mme seo e felele e le poelo morago ka lo sa ntsifale fa bangwe e le seshabo mo go bone.
O ne a bua a sa kgwe mathe gape ka batsadi bangwe ba motse oo ba ba nwang bojalwa phetelela ka nako ya fa go buletswe thekiso, a supa fa ba na le seabe se ntsi mo dikgannyeng tse di kekelang mo motseng wa gagwe tsa boimana jo bo kwa godimo le go tlhakanela dikobo le basetsanayana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le boherabobedi.
A re go tswa foo ga ba tlhokomele bana ba, bogolo jang ba ba tsenang sekole.
Kgosi Manyoro o ne a supa fa ba buile le batsadi ka seemo seo mme a re batsadi bangwe ga ba tseye boikarabelo jwa go tlhokomela bana le gone go bua le bone ka tsa marato gore ba seka ba felela ba kgatlhegela go tsena mo go one, selo se a reng ba ka felela ba itshenyetsa bokamoso.
Kgosi Manyoro o ne a supa fa ba tshwenngwa ke boimana jwa basetsanayana kwa motseng oo mme a tlhalosa fa ba botsogo ba dirile maiteko a go ba ruta ka tsa boiphemelo kwa kokelwaneng mme a kopa batsadi go tsenya letsogo mo go bueng le bana gore ba iphape. BOPA
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : KHAWA
Event : Potsolotso
Date : 19 Aug 2020