Breaking News

Sepodisi se thusa ba twantsho borukutlhi ka ditsompelo

19 Aug 2020

Tona wa Lephata la Itshireletso, Molao le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi a re sepodisi sa Botswana se na le mananeo a a farologanyeng a go ruta setshaba le go rotloesa ledula le thokgamo mo lefatsheng.

O buile jaana fa a araba potso kwa dipuisanyong tsa Palamente ka Labobedi. 

O boletse gore lengwe la mananeo a, ke la boithaopi la tswantsho borukutlhi.

Tona Mmusi o tlhalositse gore baithaopi ba lenaneo le lefatshe ka bophara, ba abelwa diaparo tsa itshupo tse di galotseng mmala tse ba lemogwang ka tsone.

A re fa go tlhokega baithaopi ba abelwa dipone tsa seatla tse ba di dirisang bosigo fa ba dira ditiro tsa boithaopo go lwantsha borukutlhi.

Rre Mmusi o boletse gore ga go a lekana ka ba sa thusiwe ka dilo tsotlhe tsa itshireletso jaaka ditlhako le tse dingwe tse di maleba.

Mo godimo ga moo tona Mmusi a re keletso ya gagwe ke gore mabaka a baithaopi ba lenaneo le, a atle a sekasekwe fa itsholelo  e tokafala.

Mabapi le dikatso, tona o boletse gore dikatso tsa lenaneo leo, di tsamaelana le tsa lenaneo la Ipelegeng, a tlatsa ka go re tshekatsheko epe fela ya dikatso tse, e dirwa ke Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae mo lenaneong la Ipelegeng.

Tona Mmusi o ne a araba potso e e neng e bodiwa ke mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Mme Talitha Monnakgotla yo o neng a batla go tlhaloganya gore a tona o  itse fa baithaopi ba sepodisi kwa Kgalagadi Bokone ba sena didirisiwa tse di maleba tsa itshireletso di tshwana le ditlhako tsa itshireletso le dipone tsa seatla le gore a o tlaa sekaseka go oketsa dikatso tsa bone go lebilwe bodiphatsa jwa tiro e ba e dirang. BOPA

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Dipuisanyo tsa Palamente

Date : 19 Aug 2020