Kgengwe e nontsha e bo e atisa leruo kwa Kgalagadi
19 Aug 2020
Semela sa kgengwe se se bonwang gantsi mo Kgalagadi se tsisitse maduo a a nametsang mo baruing bangwe ba Khawa kwa Kgalagadi Borwa.
Se se tla morago ga gore barui ba, ba huduge ka leruo la bone ba latela kgengwe kwa nageng go fokotsa manokonoko a leuba.
Kgosi Piet Manyoro wa Khawa o tlhalosa fa ba ithutile mo batsading ba bone go tswa bogologolo botlhokwa jwa kgengwe ka ba ne ba tswa letsholo la go e latela, bogolo jang ka nako ya leuba gore leruo le seka la angwa ke go tlhoka phulo.
Kgosi a re kgengwe e tlhoga mo nageng fa pula e nele e le ntsi, mme ba tlamela leruo ka yone.
O supa fa leruo le sa tshabelelwe ke lenyora fa le jele semela se.
O tlhalosa fa monongwaga barui mo motseng wa gagwe ba ne ba ya go ipega kwa go ene jaaka tlwaelo, mme a ba rebolela go tsamaya ka leruo go latela kgengwe.
A re barui monongwaga ba ne ba huduga ka Moranang mme ba boetse gae kgwedi e e fetileng ka jaanong kgengwe e ne a setse a fedile mo nageng.
Kgosi Manyoro o supile fa semela se, se thusa dihutshane go ntsha mashi a a lekaneng go tiisa dipotsane le dikonyana mme seo se dire gore di gole ka bonako.
O supile fa dikgwetlho dingwe tse banni ba kopanang le tsone e le go jelwa leruo ke dibatana di tshwana le phiri le phokoje fa ba latetse kgengwe.
Mongwe wa barui, Rre Ben Manyoro yo o dingwaga tse di masome marataro le boherabobedi ke mongwe wa ba ba neng ba latetse kgengwe.
O ne a iteela kobo moroko mafoko a ga kgosi, a supa fa dihutshane tsa gagwe di atile ka di tsile di dusa mme ya re di goroga tsa tsala dipotsane tse dintsi le dikonyana.
A re pharologanyo ke gore fa di le mo gae ga go na phulo, ka jalo di kgona go felela di holoditse kana di sule ka ntlha ya tlala.
Rre Manyoro o supile fa go latela kgwengwe e le selo se ba se tlwaetseng e le barui ba koo ka ba dira jalo ngwaga le ngwaga, selo se a reng se ba busetsa maduo.
O boletse fa ene a tlhokomela leruo la gagwe.
A re Khawa ke motse o o dikaganyeditsweng ke ditotoma tsa motlhaba, ka jalo meraka ya bone e kgakala thata le motse.
Morui yo, o o supa fa semela sa kgwengwe e le sika la marotse le magapu mme se na le metsi a mantsi le dikotla tse ba itemogetseng fa di thusa leruo go ata.
O supile fa semela seo gape se le mosola le mo bathong ka fa ba le kwa nageng ba a nwa metsi a sone le go apaya ka kgodu ya sone.
O boletse fa kgengwe a farologana mme a re ba e leka pele go utlwa tatso.
Mongwe wa barui go tswa kwa Omaweneno, Rre Tirelo Gobewang o ne a supa fa bontsi jwa bone mo Kgalagadi ba itse ka kgengwe ka ba tswa kgakala e ba thusa ka nako ya leuba.
A re bangwe ba kgona go nna dikgwedi tse tharo kana go feta mme e re ba boa ba bone pharologanyo mo leruong la bone le nonofile. BOPA
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : KHAWA
Event : Potsolotso
Date : 19 Aug 2020