Kotokwe o roba maduo
18 Aug 2020
Molemi-morui kwa Khuis, Rre Kenneth Kotokwe o ja mofufutso wa phatla morago ga go dirisa nako ya kiletso mesepele ka Mopitlo go lema merogo, magapu a sekgoa le dijo tsa leruo e le lantlha, mme a gwetlhwa ke seemo sa tlhaelo ya merogo kwa Kgalagadi.
Mo potsolotsong le BOPA bosheng, Rre Kotokwe a re e rile fa go kganelwa mesepele go thibela kanamo ya corona, a iketleeletsa kwa morakeng. A re o dirisitse nako eo go tlhabolola moraka le go lekeletsa go lema e le la ntlha merogo ya sekgoa le dijo tsa leruo mme di dirile sentle le fa mmu wa Kgalagadi o le motlhaba.
Molemi-morui yo o kwa Kgalagadi Borwa a re o ne a lema merogo e tshwana le wa rape, spinach, digwete le beetroots le magapu a sekgoa a a itumeletseng gore a dirile sentle. A re seo se mo kgothaditse go gatela pele go lema merogo a bo a o rekisa ka ntlha ya gore tlhaelo ya merogo e kwa godimo kwa Kgalagadi.
Rre Kotokwe a re o ne a lema gape dijo tsa leruo jaaka lab-lab le lucern mme tsone a di lemela leruo la gagwe.
A re o lemile sephatlo sa ekere mme jaanong o ikaelela go atolosa, a dira diekere tse pedi.
A re Kgalagadi e mo sekakeng mme e tshabelelwa ke leuba ka ga e na dipula tse di kalo.
Rre Kotokwe a re seo ga se a tshwanela go kgoba balemi marapo, mme ba leke go lepalepana le seemo.
A re kgwetlho e tona mo temong ya merogo ke metsi mme a re o dirile magokaganyane a diphaephe a a isang metsi kwa tshingwaneng go tswa kwa sedibeng.
Rre Kotokwe a re kiletso mesepele e mo thusitse go lekeletsa dilo dingwe kwa morakeng mme jaanong o ipaakanyetsa go tlhabolola go fetisa fa a emeng teng.
A re o tlaa tswelela a ithuta gore a tokafatse boleng jwa dijalo tsa gagwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Calviniah Kgautlhe
Location : TSABONG
Event : POTSOLOTSO
Date : 18 Aug 2020