Borre ba ipobola ka kgodiso ya bana
18 Aug 2020
Borre ba ganeditse dikgang tsa gore ba goga dinao mo go tseyeng karolo mo kgodisong ya bana ba bone.
Ba re go le gantsi ba paledisiwa ke bommabana le batsadi ba bone ka jaana ba na le go ba kgobotletsa ka dipuo.
Ba ne ba bua jalo mo potsolotsong morago ga go tsenelela bokopano jwa borre jo bo neng bo itebagantse le go buisanya ka mabaka a a paledisang borre go tsaya karolo mo kgolong ya bana le go ba ruta ka ditshwanelo tsa bone mo kgodisong le tlhokomelo ya ngwana. Bokopano bo ne bo rulagantswe ke ba lekalana la Love Botswana ka fa tlase ga lenaneo la Babelegi Mmogo le le rotloetsang kgodiso ya ngwana e e lolameng.
Borre ba re go supegetse fa ba tohlokomela bana ba e seng ba bone ka jaana le maina a bone a sa kwalwa mo ditlankaneng tsa matsalo a bana ba bone.
Moruti Suping Kebalepile wa General Foundation Apostolic Church in Christ a re dikgang tsa kgokgontsho ya borre mo malwapeng di a tshwenya ka di feletsa di itsa borre go tlhokomela bana.
A re le kwa kerekeng ba kopana le dikgang tseo ka borre ba lela gore bomme ba ba latlhisa bana ka go ba kgokgontsha ka dipuo tse di botlha, a tlatsa ka go re fa ba batlisisa gore matsapa di a tsaya kae, ba fitlhela e le gore batsadi ba bomme ba na le seabe.
A re bomme fa ba nna le diphapang le borabana, ba tsaya ditshwetsho ka go tenega mme ba felele ba koba borabana.
Moruti Kebalepile a re go dira jalo ke go rontsha rre tshawenelo ya go godisa ngwana wa gagwe, a tlatsa ka go re go gongwe ba bolelelwa gore ga ba a ntshetsa bana magadi. O boletse fa borre ba sa ntse ba tshaba go ikuela ka dikgang tsa kgokgontsho mme a gatelela botlhokwa jwa go simolodisa makgotla a borre ba ka kgonang go bua dikgang tsa bone ba phuthologile kwa go one.
O lebogetse lenaneo la ba Love Botswana, a re borre ka bontsi ba ntse ba sa itse gore ba ka ikuela kae gore lentswe la bone le utlwale. Moruti o boletse fa bokopano joo bo ba butse matlho ka jaanong ba itse ditshwanelo tsa bone ka botlalo.
Rre Clearance Modimoosi wa lekalana la BOFWA ene o supile fa borre ba goga dinao go tlhokomela bana, a re gantsi fa ba ipobola ba re ba dirwa ke bommabana.
A re borre ba supile fa bommabana ba ba kganela go bona bana mme seo se ba paledise go tlhokomela bana ba phuthologile.
A re ba supile gape fa ba lemogile fa bommabana ba sa tsenye maina a bone mo ditlankaneng tsa matsalo a bana ba bone, ba re seo se dira gore ba ipotse gore a mme bana bao ke ba bone.
Mogolwane kwa Love Botswana, Rre Billy Kgosikwena o ne a tlhalosa fa bokopano joo bo ngokile borre go tla go buisanya ka ditshwanelo tsa borre mo kgodisong ya bana.
A re go a tshwenya ka borre ba felela ba amega mo dikgannyeng tse di seng monate mme ba isiwe kwa makgotleng a ditsheko go twe ga ba tlhokomele bana, ka jalo ba bone go tshwanela go tla go arogana le bone molao wa bana le gone go ba ruta ka ditshwanelo tsa bone.
A re bone ba dumela gore ngwana o tshwanetse a godisiwa ke botsadi ka bobedi go sa kgathalesege gore ga ba mmogo, a tlatsa ka go re botsadi ka bobedi bo ka dira tumalano ya gore ba tlhokomela ngwana jang.
Rre Kgosikwena a re o dumela fa bokopano joo bo tlaa fokotsa dikgang tsa borre kwa makgotleng a ditsheko ka jaana ba tlaa itharabologelwa mme ba dire se se tshwanetseng go godisa bana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : POTSOLOTSO
Date : 18 Aug 2020