Breaking News

Thupa e nkgwe e bepisa seemo

18 Aug 2020

Thupa e ritibaditse seemo sa kgokgontsho ya bong kwa Masingwaneng mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.

Kgosi Solomon Masingwaneng o tlhaloseditse BOPA ka Mosupologo fa motse wa gagwe o kile wa bo o aperwe ke seemo sa kgokgontsho e e neng e dirwa ke borre mo go bomme.

A re kgokgontsho e, e ne gantsi e le rre mo lwapeng a keteka mme yo a nnang le ene a mo nyetse kana ba sa nyalana.

Kgosi Masingwaneng o tlhalositse fa dikgang tse di ne di begwa kgapetsakgapetsa kwa lekgotleng mo a neng a tsaya kgato ya go kgalema ka thupa mme se se mo solegetse molemo.

A re malwapa a ne a thubegile ka ntlha ya go tlhoka kutlwisisanyo ga ga mme le rre mo go neng go dira gore borre ba tsenye bomme letsogo.

Kgosi Masingwaeng a re tsamaiso ya kgotla ya gagwe  ke gore fa motho a atlholelwa thupa, o kgwatha fa pele ga batho.

A re go kgwathisetsa badira melato mo pepeneneng go thusitse gore morafe o lemoge fa kgokgontsho ya bong e le bosetlhogo jo bo tshwanetsweng ke kotlhao e e ka tlhabisang modira molato ditlhong.

O tlhalositse gore fa e sale lekgotla le gagamaletsa ba ba ketekang bomme, dikgang tsa kgokgontsho di eme e bile batho ba tshela ka kagiso mo malwapeng.

Kgosi Masingwaneng a re ke ka ntlha ya gore borre bangwe ba atlholwa madi le dikotlhao tse di lolea go bo ba tsweletse ba keteka bomme.

A re fa mme le rre ba se na kutlwano mo lwapeng, ba kope badiri ba boipelego kana kgosi go ba agisanya, go na le go itseela dikgato tse di tlaa tsalang le ditlamorago tse di botlhoko.

Kgosi a re thupa e atlholelwa le ba ba tlhokelang ba bangwe maitseo ka go ba roga.

A re pele ga segajaja sa COVID-19 se tlhasela, e ne e re fa bangwe ba tswa go itshiela kwa maitisong ba bo ba tlhoka maitseo ba lwa kana ba rogana.

Kgosi Masingwaneng a re go lemogeng fa dintwa tsa kwa maitisong di kekela, mophato wa ga kgosi o ne wa bolotsa letsholo go latedisa ba mekgwa ya go tlhoka botho mme ba ba kgwathisa.

A re dintwa tsa kwa maitisong di ne tsa ema e bile o solofela fa seemo se tlaa tswelela se apere tshiamo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : MASINGWANENG

Event : POTSOLOTSO

Date : 18 Aug 2020