Mosadi le bana ba falola loso
18 Aug 2020
Mapodisi a Maun a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mosadi wa dingwaga tse di masome matlhano le boraro le bana ba dingwaga tse tlhano le wa tse nne ba neng ba tswa ka tshoba la mogodu morago ga gore tlhobolo e thunye mo mokorong o ba neng ba o palame.
Mookamela mapodisi, Superintendent Chenamo Orateng o boletse jaana mo potsolotsong, a tlhalosa fa tiragalo e diragatse ka mafelo a beke mme boraro joo bo ne jwa bona dikgobalo tse di masisi.
A re mme yo le bana ba ne ba tswa kwa morakeng wa Morula ba ya lesong kwa Nxaraga, ka jalo ba ne ba patelesega go dirisa mokoro go tlola noka.
A re mokoro o ne o tlodisa batho ba le batlhano ba pagame le tlhobolo mo teng mme tlhobolo eo ya hula ya gobotsa mme yoo leoto la molema, ngwana wa dingwaga tse tlhano ene a gobala mo leotong la moja fa wa dingwaga tse nne a ne a gobala mo mokwatleng le go kgaoga monwana wa kgonopye.
Superintendent Orateng a re boraro joo bo ne jwa ragosediwa kwa kokelong ya Letsholathebe mo Maun kwa mme yoo le ngwana wa dingwaga tse tlhano ba neng ba alafiwa ba bo ba gololwa fa wa dingwaga tse nne ene a fetiseditswe kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa Francistown.
A re ditlhotlhomiso di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile go itaela ga tlhobolo eo.
Mo dikgannyeng tse dingwe, Superintendent Orateng o boletse fa ba ne ba amogela pego e e kayang fa rre mongwe wa dingwaga tse di lesome le boferabongwe a bonwe a na le dikgobalo tse di masisi kwa kgotleng ya Disana mo Maun.
A re mapodisi a ne a ragogela koo mme ka boammaaruri ba fitlhela rre yoo ka kgobalo e e masisi mo thamong go lebega e ka re o kgagotswe ka sengwe se se bogale.
A re ba ne ba mo isa kwa kokelong ya Letsholathebe kwa a neng a rurufadiwa fa a tlhokafetse.
O boletse fa moswi, yo o tlholegang kwa kgotleng ya Matomo mo Maun, a ne a etetse ditsala kwa Disaneng.
Ditlhotlhomiso di tsweleletse go bona se se ka tswang se bakile leso la rre yoo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : POTSOLOTSO
Date : 18 Aug 2020