Breaking News

Mosadi wa Kasane o atlholelwa go titiela le go rekisa khadi

18 Aug 2020

Mapodisi a Kachikau ba atlhotse mosadi wa motse oo P1 000 ka ntlha ya go omela le go rekisa khadi.

Go ya ka ramapodisi a Kachikau, Superitendent Situme Budani, ba ne ba longwa tsebe ke mongwe gore mosadi yoo, wa dingwaga tse di masome matlhano le boferabobedi o apeile le go rekisa bojalwa, mme ba ya kwa lapeng la gagwe.

A re fa ba goroga, mmelaelwa o ne a latola fa a na le bojalwa, mme e rile ba phuruphutsha ba fitlhela bojalwa jwa selekanyo sa 45 litres jo a neng a bolela fa a bo omeletse go bo nwa.

A re mosadi yoo, o ne a atlholwa P1 000 ka jaana a tlodile melawana ya COVID-19, e e sa letleleleng thekiso ya bojalwa go fitlhelela nako e e tlaa bolelwang.

Supt Budani a re fa mosadi yo a sa duele katlholo o tlaa isiwa fa pele ga lekgotla.

O bile a gakolola setshaba fa thekiso ya bojalwa e sa letlelelwe mo nakong eno, e bile ba ba tlolang molao ba ka atlholwa P5 000 kgotsa dikgwedi tse thataro mo kgolegelong kana dikatlholo ka bobedi.

A re batho ba ikgaphe mo go tloleng ditshetlana tsa COVID-19, ka go dira jalo go ka ba bakela dikatlholo, ga ba ga ba tsenya le mo diphatseng tsa go anamisa le go tsenwa ke bolwetse, mme ba letele go letlelelwa go rekisa bojalwa ka nako e e tshwanetseng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : KASANE

Event : POTSOLOTSO

Date : 18 Aug 2020