Breaking News

Tlhaelo ya madi e emisa paakanyo ya diofisi

18 Aug 2020

Tona wa tsa Itshireletso, Molao le Thokgamo Rre Kagiso Mmusi o tlhaloseditse Palamente gore seemo sa tlhaelo ya madi se paledisitse lephata la gagwe go dira paakanyo ee tseneletseng ko dikagong tsa sepodise ko Tshane le ntswa e tlhoka go shahadiwa.

O tlhalositse fa dipaakanyo tse dipotlana di tsweletse gore lefelo le nne mo seemong se bodiredi bo ka berekelang teng.

Rre Mmusi o tlhaloseditse Palamente gore go agiwa  ga dikago tse disha tsa sepodise ko Hukuntsi ga go  mo lenaneong la monongwaga  mme go tla a akanyediwa mo nakong ee tlang.

Are bodiredi le didirisiwa di tla a okediwa ko Hukuntsi police go lebeletswe seemo sa borukutlhi.

O buile se fa a araba Mopalamente wa Kgalagadi Bokone yo o neng a boditse  ka seemo sa go ntshahatsa dikago tsa sepodise ko Tshane  le Hukuntsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Palamente

Event : Palamente

Date : 18 Aug 2020