Mokgatlho o fa ba ba wetsweng ke seru
18 Aug 2020
Mokgatlho wa baithaopi wa Thusang Bakwena o roletse malapa a le mararo matlo a a ntshafaditsweng morago ga gore matlo ao, a jewe ke molelo bosheng kwa Molepolole.
Fa a bua kwa tirong ya go rola matlo ka Matlhatso, mogokaganya ditirelo tsa mokgatlho oo, Rre Tlamelo Letlole a re ba bone go tshwanela go fa malapa ao dithuso tse di farologanyeng.
Malapa a mararo a, a mo dikgotleng tsa Ga-Ntshonyana, Lekgwapheng le Lephaleng. A le mabedi a ne a fisiwa ke molelo ka ntlha ya kerese fa e le nngwe e fisitswe ke go thunya ga motlakase.
Thusang Bakwena ke setlhopha sa bana ba Molepolole ba ba ithaopileng go thologa mokgosi bape fela ba ba ka tswang ba na le diemo tse di ka bayang seemo sa motho kwa tlase.
A re maikaelelo a bone a go thusa a rotloediwa ke ngwao ya Sekwena ya lesotla la kgosi, go tlamela bangwe ka bone fa ba le mo mathateng kgotsa ba tlhoka go thusiwa fa ba pitlaganyeditswe ke mabaka a botshelo.
O ne a tlhalosa gore ke ka moo baithaopi ba Thusang Bakwena ba ne ba bona go le matshwanedi go thulanya ditlhogo go bona gore ba thusa jang malapa a mararo ao.
Kwa Ga-Ntshonyana mokgatlho o, o thusitse ba lelapa ka go atolosa ntlo e e shweleng mme ba thusa go aga kamore e ntsha fa kwa Lekgwapheng ba thusitse ka go penta dikamore tse pedi tse di neng di amilwe ke molelo. Kwa Lephaleng mokgatlho o, o dirile go menagane ka go agela ba lelwapa dikamore tse tharo ka ba wetswe ke seru sa molelo malatsi a mabedi fela rre wa lelapa a sena go tlhokafala.
Rre Letlole a re ba kgonne go thusa malapa ao mo malatsing a mararo fela beke e e fetileng ka nako ya kiletso mesepele mme ba kgona tiro e ka tlhotoetso ya bana ba
Molepolole le ditlhopha tse dingwe tsa bopelotlhomogi di tshwana le Young Devoted Givers le Molepolole Runx Crew tse di itlamileng go thusa malapa ao ka dijo.
Mme Leba Kruger wa leloko la Thusang Bakwena a re ba utlwaletse seru se se wetseng malapa ao ka mongwe ka bone mo maranyaneng a Facebook mme ba ititaya ka thupana go ba tla matshediso.
Fa a tswa la gagwe, mokhanselara wa Lekgwapheng Rre Segolobe Mokanyane o iteetse mokgatlho oo legofi ka tiro e ntle e ba e dirang.
A re o eletsa gore banni botlhe ba Lekgwapheng ba inaakanye le mokgatlho oo wa baithaopi ka gore ga go na yo o itseng gore o tlaa welwa ke seru leng.
Mongwe wa ba ba wetsweng ke seru, Mme Dikotsi Tshireletso o lebogile go menagane ka fa mokgatlho oo o mo gomoditseng ka teng a bo a ba eleletsa masego le matlhogonolo gore ba tswelele ka bopelonomi jo ba bo dirang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tholo ya Matlo
Date : 18 Aug 2020