Babirwa ba tshelela mo letshogong
17 Aug 2020
Bogodu jwa leruo le go tlhagela molelwane go tsena le go tswa kwa Zimbabwe, ke dingwe tse di tswang bogologolong di tshwenya kwa Bobirwa.
Le mo motlheng o o thata o bolwetse jwa COVID-19 bo apesitseng lefatshe kobo ka letshoba, bangwe ba tsweletse le go iphapaanya le dikgakololo tsa go lwantsha bolwetse.
Tsholofelo mo nakong e ke gore go sa nne le metsamao ya batho fa gare ga mafatshe, fa e se fela ba diterelo tsa botlhokwa kana go tlhokega gore motho a dire jalo.
Le fa go buiwa jaana, mapodisi kwa Bobirwa ba itemogetse fa bogodu jwa leruo fa gare ga Botswana le Zimbabwe ga mmogo le go tlola molelwane fa go sa tshwanelang teng, go ise go eme le mo segajajeng sa COVID-19. Mokgwa o, ga o robatse Babirwa ka o baya matshelo a bone mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke mogare wa corona.
“Ditlou tse di sailang mo kgaolong, di sentse terata ya matlhoko a leruo e e kganelang leruo go tlolela kwa Zimbabwe, jaanong ba ba dinalanyana ba iponetse phatlha ya go tlhagela mo lefatsheng leno, go utswa leruo mo Bobirwa ba le tlodisetsa kwa Zimbabwe,” Moetelela wa mapodisi a Semolale, Superintendent Boipuso Baatweng a tlhalosa.
Rre Baatweng a re fa e sale Moranang fa lefatshe leno le tsena mo nakong ya kiletso metsamao go fitlhelela gompieno, go utsulwe leruo le le fetang makgolo a mararo, e le dikgomo, dihutshane le ditonki.
A re mo godimo ga se, mapodisi a setse a tshwere batho ba ba tseneng mo lefatsheng leno ba ka nna masome a mane le motso go simolola Moranang go fitlhelela gompieno.
Superintendent Baatweng a re batho ba ba tlolang molelwane e se ka fa molaong, ba ka nna botlhabetsi mo matshelong a batho ba Bobirwa ka ba ka anamisa mogare.
O kopile banni ba Bobirwa go itlhokomela ka go sala ditaelo tsa botsogo morago le go loma mapodisi tsebe fa ba ka fitlhela ope a file batho bao boroko.
A re mapodisi ba malala a laotswe go lwantshana le COVID-19.
“Fa re tshwara batho ba go nna jalo, re a ba tlhaola gore fa e le gore ba na le mogare wa corona, ba seka ba o fetisetsa kwa go ba bangwe re bo re ba rolela ba botsogo go ba tlhatlhoba,” Supt Baatweng a tlhalosa.
A re fa maduo a bone a sena go tswa ke gone ba ka lebisiwang molato le go neelwa ba lephata la Merero ya Setshaba, Boagedi le tsa Bong.
Superintendent Baatweng a re bangwe ba ba tlolelang mono ba tsena ka maikaelelo a go reka dijo le leokwane ba bo ba di tlodisetsa ka kwa Zimbabwe.
A re mapodisi a setse a tshwere dithoto tse di fetang P10 000 le leokwane la dilithara tse di masome a ferang bongwe.
Supt Baatweng a re se, se supa fa batho ba, ba ne ba amana le bangwe kwa marekisetsong a dijo kwa Bobonong, selo se a reng se tsenya matshelo a batho ba Bobirwa mo diphatseng.
O rotloeditse banni ba Bobirwa go nna ba itshireleditse mo mogareng wa corona ka go apara dibipa melomo, go tlhapa matsogo kgapetsakgapetsa le go katologana gore ope yo o nang le mogare a seka a o fetisetsa kwa go ba bangwe.
A re banni ba emise go fa batho ba mofuta o boroko ka gore ga ba itse seemo sa bone le gore ba ntse ba amana le bo mang kwa ba tswang teng.
Selo se sengwe se se bayang kgaolo e mo diphatseng tsa go tsenwa ke corona ke gore e bapile le dipolase tsa Afrika Borwa mo Batswana bangwe ba kgonang go tlolela teng mme morago ba boele mono.
A re dipalo tsa ba ba nang le mogare kwa Afrika Borswa di kwa godimo mme ba ba yang koo ba bo ba boela mono, ba tsenya matshelo a Batswana mo diphatseng.
Kgosi Esaya Madema wa Semolale le ene o tshwentswe ke seemo sa borukutlhi kwa kgaolong se se ka nnang sa tsenya matshelo a banni mo diphatseng.
“Re ne re solofetse gore matshelo a rona a tlaa fetoga fa puso e sena go bulela gore re ka rekisa dikgomo tsa rona kwa ntle ga kgaolo ya zone seven, e e tsereng dingwaga e tlhorontshiwa ke bolwetse jwa tlhako le molomo,” Kgosi Madema a supa.
A re ba setse ba tsholeditse matsogo ka seemo se ba tshelelang mo go sone.
“Go bohutsana tota mo kgaolong ya rona ga re kgone go lema re tshaba ditlou, ga re kgone go rua ntateng ya bogodu jwa leruo, jaanong go tlhagogile mogare wa corona o le one o ka nnang wa re nyeletsa,” Kgosi Madema a tlhalosa.
Sepodisi sa Semolale, se thusana le sesole, se okeditse mafelo a ba berekelang mo go one go itebaganya le seemo.
Mogolwane wa mapodisi a kgaolo ya Bokone Legare, Rre Christopher Mbulawa a re koketsego ya mapodisi le ba sesole mo kgaolong ya Bobirwa e tlaa thusa go lwantshana le seemo.
A re mapodisi ba difofane le one a tlaa nna a tsenya letsogo go tlhodumela gore go diragala eng mo sekgweng.
O akgotse tshwaragano e, mme a kopa dikgosi le morafe go tshwaragana le ba itshireletso go lwantshana le bogodu jwa leruo ga mmogo le mogare wa corona.
A re go maswabi go bo go santse go na le Batswana ba ba fang batho ba ba tlhagetseng molelwane boroko.
Rre Mbulawa o akgotse dikomiti tse di ithaopetseng go thusana le ba itshireletso go lwantshana le seeomo se, a re puso e tsaya dilelo tsa Batswana ka tlhoafalo e bile ga e eletse gore Batswana ba amogwe di-tsa bone.
O ne a abela dikomiti tse thataro tsa metse ya Bobirwa dipone tse ba tlaa di dirisang bosigo fa ba tsamaya ba lekola seemo mo metseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SEMOLALE
Event : Polelo
Date : 17 Aug 2020