Obamelang ditaelo - Ngayaya
17 Aug 2020
Mookamela mapodisi a Masunga, Superintendent Gaolatlhe Ngayaya o gwetlhile sechaba go netefatsa gore se sala morago ditaelo tsa go lwantsha kanamo ya mogare wa Corona.
A re go sala ditaelo morago go tlaa bo go supa fa batho ba kgathala ka twantsho bolwetsi.
Mo puisanyong le BOPA bosheng, Superintendent Ngayaya a re go ngomola pelo ka jaana bangwe ba sa tseye tsia melawana ya go lwantsha bolwetse jo, le ntswa bodiphatsa jwa jone bo itsege.
O boletse fa bangwe go lebega ba sa supe fa ba bo boifa, mme ba boifa mapodisi, ka ba tsibogela go obamela molao fela fa ba bona mapodisi.
Mookamela mapodisi a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a tseye boikarabelo jwa go ikilela le go ipabalela mo bolwetsing ka dinako tsotlhe.
Supt Ngayaya o tsweletse a tlhalosa fa mo nakong eno ya kiletso thekiso ya bojalwa, bangwe ba rekisa ka bokukuntshwane, e bile jo bongwe e le jo bo titielwang mo malwapeng, jo a tlhalositseng bo ka nna le di-tla morago tse di sa siamang mo botsogong.
O ne a tlhalosa fa go fitlha jaana ba setse ba tshwere mongwe mo Masunga morago ga go fitlhelwa ka motokwane le go rekisa bojalwa.
Mme Ngayaya a re e ntse e le mo dikgannyeng tsa go ikgatholosa melawana ya COVID-19, ba sa tswa go lebisa molato batho ba le masome mabedi le motso mo kgaolong eo, mabapi le go tlhokas go rwala dibipa molomo le dinko mo mafelong a setshaba.
Supt Ngayaya o ne a tlatsa ka go re kwa Masukwane ba nnile le ditiragalo tse pedi tsa go tlhoka go obamela melawana, e e akaretsang go kwala maina, tiriso ya dibolaya megare mmogo le go amogela palo e e letlelesegang ya batho kwa lenyalong le kwa phitlhong.
Badira melato ba lefisiwa madi a a fa gare ga makgolo a mabedi le dikete tse tlhano.
Go sale foo, mookamela mapodisi a Masunga o boletse fa ba tlhotlhomisa ditiragalo tse mo go tsone magodu a neng a thuba matlo le lebentlele kwa Vukwi, ba bo ba utswa dithoto ka go farologana bosigong jwa kgwedi eno e le lesome le bobedi.
Supt Ngayaya a re go ne ga thujwa mo malwapeng a le mararo, mme beng ba one ba amogwa megala e le meraro, a tlatsa ka go re mongwe o ne a bona dikgobalo tse di potlana, mme o ne a alafiwa a bo a gololwa gone foo.
A re ba ne ba latedisa metlhala ya manweenwee ao, mme ba ya go goroga ntlheng ya motse wa Masukwane, fela maiteko a go ba tshwara a ne a itaya se fololetse.
Le fa go ntse jalo, o ne a akgola banni ba Vukwi ka go emana nokeng le go tshwaragana le bone mo letsholong la go tsoma dilalome tseo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Puisanyo
Date : 17 Aug 2020