Bagwebi ba ba botlana ba kokonelwa ke serubi
17 Aug 2020
Modulasetilo wa lekgotlana la bagwebi ba babotlana la Thusanang Bagwebi, Rre Omphemetse Setlhare a re go tsenya batho mo serubing ka tshoganetso go kokonela dikgwebo, bogolo jang ka ba rekisa dilo tse di senyegang.
Mo potsolotsong le BOPA mo Gaborone bosheng, Rre Setlhare a re ntswa ba se kgatlhanong le go tsenngwa mo serubing, ka go babalela matshelo a batho, ba tshwenngwa ke gore go buiwa se maitseboa, mme go diragadiwa bosigo, selo se se bayang dikgwebo tsa bone ka fa mosing.
A re bagwebi bangwe ba rekisa dijo, merogo le maungo a tshwana le dibanana le ditamati, mme fa go simolodiswa serubi ka tshoganetso, ba nna le ditshenyegelo tse di kwa godimo ka di bola.
Rre Setlhare o ne a re bagwebi bangwe jaaka baapei kwa maemelong a dipagamo, ba ne ba beile dingwe tsa dijo tse ba tlaa di dirisang letsatsi le le latelang, mme e rile serubi se nna teng ba sala ba iphotlhere.
A re mo go hutsafatsang ke gore le gone go bona teseletso ya go tsamaya, gore ba kgone go ya go tsaya dingwe mo ditsidifatsing, go nna thata. A re gantsi dingwe jaaka ting ba e tlogela go baakanyetsa letsatsi le le latelang, ka jalo fa a sa kgone go e boela e a senyega.
O ne a tlhalosa fa ba senyegetswe thata mo dinakong tse ba neng ba tshwanela go tsena mo serubing, selo se a reng se tlaa paledisa bangwe go tswelela ka kgwebo ka go tlhoka madi.
Ka jalo o ne a kopa puso gore e re e tsenya lefelo mo serubing, e fe bagwebi, bogolo jang ba babotlana, sebaka sa go ipaakanya, kana ba fiwa teseletso go tsaya didirisiwa tse di senyegang ka pela, go ka di itlhobogela.
Modulasetilo a re fa serubi se fela ba a thinkgela, go bodile, a re mme ba ka bo ba sodile dingwe molemo.
Rre Setlhare o ne a supa fa ba le ’bete se molangwana mabapi le gore le ntswa puso e phutholotse letsogo, bone e le bagwebi ba babotlana, ba beilwe ka fa mosing ka mabaka a gore ga ba akanyediwe go ka thusiwa, a tlatsa ka gore ga ba ise ba fiwe dithuso di tshwana le dijo jaaka bangwe.
O ne a kopa puso go ba thusa jaaka e thusa makalana mangwe, a re ba metshameko ba filwe sengwe, bagwebi ba ba ikemetseng fela jalo le bone ba neetswe dithuso dingwe mme bone ba iphotlhere fela.
“Mathata a me le puso ke go tsaya tshwetso e e maleba mme go bo go sa nne le ka fa bo maja-ka-thata ba thusiwang ka teng.”
O ne a kopa puso gore e ba akanyetse ka fa e ka ba thusang ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : POTSOLOTSO
Date : 17 Aug 2020