Breaking News

Dikole di mo seemong se se nametsang

17 Aug 2020

Mokwaledi wa lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Dr Themba Mmusi o kopile setshaba go tshwaragana le barutabana go tlhomamisa gore fa dikole di bulwa beke eno, ditselana tsotlhe tsa go thibela mogare wa corona di salwa morago go itsa kanamo.

Fa a bua le babega dikgang ka go bulwa ga dikole moragao ga dibeke tse pedi tsa kiletso mesepele mo kgaolong ya Gaborone le tikologo, o nankotse ditshetla tse puso e di lebileng go tlhomamisa tshireletsego ya bana mo mogareng fa dikole tse dipotlana di bulwa.

Dr Mmusi o netefaditse fa bodiredi jwa lephata la gagwe bo aname le kgaolo ya Gaborone le tikilogo, go tlhomamisa gore go bulwa ga dikole go a atlega.

A re o ntse a itshwaraganya le bodiredi jwa lephata mme ba bolela fa seemo sa dikago se nametsa gore dokole di ka bulwa.

Dr Mmusi a re lephata la dikgaolo mo thutong, le itebagantse le dipaakanyo le kago ya dikole, le tshwaragane le la thuto go tswa kwa moding, go bona gore melawana ya go sireletsa bana mo mogareng jaaka go katologana, matlwana a boitiketso le mafelo a go tlhapelwang diatla mo go one, di mo seemong se se eletsegang.

A re ba ne ba kopane le ba ba lebaneng le dipagamo tsa setshaba mo dibekeng tse di fetile go rurifatsa kobamelo ya melawana ya go thibela mograre mo dipagamong.

Dr Mmusi o tlhalositse gore fa lephata la gagwe le fitlhela dikago dingwe di sa siama le a baakanya gape le thusa dikole ka disanithaisara.

Fa a raba potso ka tiriso ya di mask mo baneng, Dr Mmusi a re batsadi ba tshwanetse go ititaya ka thupana go bona go re bana ga ba di lebale kwa malwapeng ka jaana go thibela mogare e le ntwa e e lowang ke setshaba le puso.

Dr Mmusi a re le fa bolwetse bo apesitse setshaba kobo ka letshoba, bo tlhalefisitse Batswana ka jaana ba tswa ka mananeo a mantle a go thusa puso go lwantsha mogare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Idah Basimane

Location : GABORONE

Event : PEGO

Date : 17 Aug 2020