Breaking News

Banna ba le babedi ba fa pele ga lekgotla

16 Aug 2020

Banna ba le babedi ba itshupile fa pele ga mmakaseterata wa Maun Thebeetsile Molalu ka ntlha ya go bo ba belaelwa mo go thujweng ga marekisetso a nnotagi ba bo ba utswa dithoto tse di akaretsang majalwa le tse dingwe.

Banna bao ebong Innocent Molaodi wa dingwaga tse di masome mararo wa Area A kwa Francistown le Kaputuari Katjipanda wa dingwaga tse masome mabedi le boferabobedi wa kgotla ya Thito kwa Maun ba itshupile ka Labone Phatwe a le lesome le boraro.

Basekisiwa ba lebisitswe molato wa go thuba ba bo ba utswa.

Go belaesega fa borre bao ba thubile marekisetso mangwe a nnotagi kwa Toteng ba bo ba utswa dithoto tse di akaretsang majalwa a a farologanyeng le dimonamone tse tsotlhe di jang P6 389.20 Ngwanetsele a tlhola lesome le bongwe ka 2018.

Basekisiwa ka bobedi ba ne ba tlhalosa fa ba sa ipone molato le gore ga ba na go batla babueledi mme ba tlaa ipuelela mo tshekong eo. Basekisiwa ba tlaa bowa ba iponatsa fa pele ga lekgotla Lwetse a fera bobedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : MAUN

Event : KGETSI

Date : 16 Aug 2020