Kitsong centre e fetola matshelo a batho ba Mogapi
16 Aug 2020
Lenaneo la Kitsong Centre le tsisitse pharologanyo mo matshelong a banni ba Mogapi mo kgaolong ya Mmadinare.
Lenaneo le, le le tsileng ka khamphane ya Mascom, le fetotse botshelo jwa banni ba Mogapi mo le bone ba bonang ba tsweletse sentle jaaka Batswana ba ba kwa ditoropong.
Monana wa Rre Baemedi Dintwa o buile mo potsolosong gore Kitsong Centre e tsile ka nako e e siameng, e go tlhokegang gore Batswana ba dirise maranyane a Internet go tlhabolola matshelo a bone, ga mmogo le go golagana le batho kwa mafatsheng a sele gore ba arogane maele a botshelo.
A re pele ga lefelo le le nna teng, botshelo bo ne bo le bokete, ka ba ne ba tshwanelwa ke go tsaya mosepele o moleele go ya Palapye le Selebi Phikwe go dirisa maranyane a internet.
A re go ne go ba turela. A re Kitsong Centre e thusitse banana ba Mogapi ka ditsela tse di farologanyeng, a tlatsa ka go re ga ba sa tlhole ba tlolwa ke dikgang kana dithuto dipe. A re o dirisa maranyane go kwala makwalo a ikopelo tiro, e bile ga go tlhoke gore a pagame a ise lokwalo leo kgakala kwa Gaborone.
Rre Dintwa a re le fa a batla go ntsifatsa dipampiri tsa dithuto tsa gagwe, ga a sa tlhole a ya Selebi Phikwe kana Palapye jaaka pele, mme tse tsotlhe o di dira mo Mogapi. A re selo se, ke selo se se ntle ka gore se itsa banana go siela kwa ditoropong ba tlogela magae.
A re fa ditlamelo di latela Batswana kwa magaeng, go tlaa thusa gore ba tlhabolole metse ya bone, ba bule dikgwebo gore ba itlhamele ditoro go na le go ya toropong kwa go ka dirang gore ba inaakanye le ditiro tsa borukutlhi fa ba retelelwa ke go bona ditiro.
Fa a tswa la gagwe, modiri wa Kitsong Centre, Mme Ntebogang Ramabodi a re banni ba Mogapi ba amogetse tiriso ya maranyane a ditlhaeletsanyo.
A re banana bogolo jang ba tla ka dipalo tse di nametsang go dirisa ditirelo tsa Kitsong di tshwana le internet, go ntsifatsa dipampiri, go romela melaetsa ka fax, go reka karata ya mascom e e letsang, le gone go reka dipene le dipensele.
A re barutabana le bana ba sekole le bone ba dirisa lefelo le go dira dipatlisiso mo thutong, a tlatsa ka go re se se tlaa thusa gore bana ba Mogapi ba dire sentle mo dithutong. Mme
Ramabodi a re o leboga kemonokeng e a e fiwang ke bogogi jwa motse ebong dikgosi, komiti ya ditlhabololo le mokhanselara, ka go rotloetsa morafe go dirisa lefelo le go tlhabolola matshelo a bone.
A re lefelo le, le ka thusa banana ka dilo tse dintsi, bogolo jang go oketsa thuto kana kitso ya bone ga mmogo le go itse go feta ka mananeo a puso a ba ka a dirisang go tlhabolola matshelo a bone.
Kgosi Boago Monnaapula wa Mogapi le ene o galaleditse go nna teng ga Kitsong Centre mo motseng wa gagwe, ka e tla thusa morafe go tlhabolola matshelo a one. A re Kitsong Centre e butswe mo Mogapi ngogola, mme e setse e supile fa e le botlhokwa.
O rotloeditse morafe go e dirisa, a tlatsa ka go re ga ba tlhoke go ya kgakala kwa Selebi Phikwe gore ba kgone go dirisa dibalamakgolo.
O rotloeditse dikhamphane tse dingwe tsa ditlhaeletsanyo go etsa Mascom ka go tsisa ditirelo kwa metseng ka puso e le nosi ga e kake ya kgona, mme go tlhoka gore dikhamphane di thuse mo go tlhabololeng matshelo a Batswana. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : MOGAPI
Event : POTSOLOTSO
Date : 16 Aug 2020