COVID-19 e file komiti sebaka sa go ikanoka
16 Aug 2020
Modulasetilo wa komiti e e tsamaisang ditshupo tsa temo-thuo kwa Kgalagadi Borwa, Rre Reuben Mosimenyane a re ntswa bolwetse jwa COVID-19 bo ba buseditse kwa morago, mme bo ba file sebaka sa go itshekatsheka le go tlhabolola ditshupo gore di kgone go ngoka barui, banni ba dikgaolo tse dingwe le setshaba ka kakaretso.
Mo puisanyong le BOPA kwa Tsabong bosheng, Rre Mosimenyane o boletse fa maikaelelo e ne e le go rulaganya ditshupo tsa boleng jo bo kwa godimo e bile di le pharologanyo, bogolo jang ka ngwaga ono ba nnile le temo e e nametsang.
Rre Mosimenyane o ne a tlhalosa fa komiti e, e tsene ngogola morago ga go tlhophololwa ga komiti e kgologolo mme ba simololela fela mo legoeleleng ka go ne go se na madi a go tshegetsa ditshupo, mme ka lesego ba thusiwa ke dikhamphane tse di farologanyeng.
Modulasetilo a re dingwe tsa ditlhabololo tse ba di dirileng ke go bula letlole la madi kwa polokelong le go dira molao- motheo ka tsholofelo ya gore o tlaa kaela komiti le go e tsamaisa gore e dire dilo ka therisanyo, le go direla dilo mo pontsheng gore setshaba se nne le tshepo mo go yone.
O boletse fa maloko a pele go lebega a ne a na le dikeletso tse di pharologanyo, selo se a supileng fa se na le seabe se setona mo goreng ditshupo tseo di bo di ne di sa kgone go gola le dingwaga.
A re go tlhoka go tshwarwa ga ditshupo go ba neetse sebaka sa gore e le komiti ba ipope sesha le go itshekatsheka go ya pele go tlhabolola ditshupo gore e nne tse di ka melediwang mathe ke banni ba dikgaolo di sele, ka go tokafatsa leruo gore le kgone go phadisana le le le tswang kwa ntle le gone go supa le temo ya boleng jo bo kwa godimo.
O ne a supa fa e le komiti ba ikaelela go tlhabolola lebala la ditshupo, ka go aga masaka a dikgomo, dihutshane le disupiwa tse dingwe go nna a selebego sa segompieno.
A re ba ikaelela go baakanya lefelo le dipitse di sianelang mo go lone gore le katologane le fa setshaba se nnang teng.
Rre Mosimenyane a re ba ikaeletse go tsaya malebela mo ditshupong tsa dikgaolo tse dingwe, tse di setseng di itshetletse jaaka kwa Gantsi.
A re ka jalo ba tlaa rulaganya ditshupo tsa bone morago ga tsa dikgaolo tse dingwe ngwaga o o tlang.
A re ba tlaa tshwanelwa ke go kopa dithuso le kemonokeng mo dikhamphaneng tse di ikemetseng nako e santse e le teng le gone go tswa ka maano a go ikokoanyetsa madi gore ngwaga o o tlang ditshupo tseo di tle di kgone go atlega.
O ne a supa fa gape ba tlaa ikgolaganya le barui ba ba mo dipolaseng ba batho-basweu ba kgaolo eo, ba ba ruileng matsopa a dikgomo tse di botoka go tsenelela ditshupo mo ngwageng oo tlang ka seo se ka kgothatsa barui go tlhabolola leruo la bone.
Rre Mosimenyane o ne a kgothatsa balemi-barui go tshwara ka natla mo go tlhokomeleng leruo la bone le gone go lema ditema tse dintsi gore ba tle ba kgone go ya go supa temo ya bone kwa ditshupong mo ngwageng oo tlang, ka seo gape se ka thusa lefatshe leno mo go ntsheng dijo tse di lekaneng.
O ne gape a ba gakolola gore ba seka ba kgobega marapo go bo ditshupo di sa tshwarwa ka ntlha ya seemo sa segajaja sa COVID-19. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : Puisanyo
Date : 16 Aug 2020