Metlhala ya khumo e mentsi e tlhoka balatedi
13 Aug 2020
Mme Onneile Gabolathiwe wa Majwanaadipitse kwa kgaolong ya Legare o dumela fa e le ruri metlhala ya khumo e le mentsi, mme e tlhoka balatedi.
Monana yo wa dingwaga tse di masome mararo le bongwe o ineetse mo thuong ya dihutshane ka pelo ya gagwe yotlhe.
Mme Gabolathiwe o boletse mo potsolotsong fa a thusitswe ka dipodi ka lenaneo la metse ee kgakala le ditlamelo la RADP ka ngwaga wa 2009.
O boletse fa a ne a fiwa dipodi di le lesome le botlhano go balelwa le phoko mme tsa dira sentle thata.
A re o ne a di disa bosigo le motshegare a di rata jaaka a ithata, a rata dipotsanyane jaaka bananyana ba bannye lemororo dingwe di ne tsa bolawa ke bolwetse fa dingwe di ne tsa utsiwa.
Mme Gabolathiwe a re leruo le, le mo thusitse go aga ntlo ya kamore tse tharo, mme o ne a rekisa tse dingwe go boloka rraagwe.
A re bana ba gagwe ba ba tlhano ba shaba letsatsi le letsatsi ka mashi le nama nako gongwe.
A re mo nakong eno, ke moithaopi kwa sekoleng se se potlana a patagantse le go disa leruo la gagwe.
Mme Gabolathiwe o boletse fa a eme ka lekwalo la bobedi mo dithutong kwa sekoleng se segolwane sa Mmashoro mme erile go ema foo a nna kwa gae go sena se a itshetsang ka sone.
O ne a rotloetsa banana ba bangwe go sola molemo mananeo a mangwe a puso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MAJWANAADIPITSE
Event : POTSOLOTSO
Date : 13 Aug 2020