Borukutlhi bo wetse tlase kwa Moroka
13 Aug 2020
Banni ba Moroka kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba ba re ba itumelela go wela tlase ga borukutlhi kwa motseng wa bone.
Kgosi George Moroka o boletse mo potsolotsong ka Laboraro gore fa e sa le go tlhagoga ga segajaja sa COVID-19, go thubiwa ga matlo mo go neng go tshwenya go kokobetse.
A re Moroka ke mongwe wa metse e e tshabelelwang ke go thubiwa ga matlo ka ntlha ya gore o mo molelwang wa Botswana le Zimbabwe.
Kgosi Moroka a re fa e sale ka nako ya kiletso mesepele ka kgwedi ya Moranang, ga go ise go nne le dikgang dipe tse batho ba thubelwang matlo.
A re go bo Zimbabwe a santse a iletsa mesepele, go na le seabe se setona mo kwelong tlase ya borukutlhi.
Kgosi Moroka a re mo nakong e e fitileng, e ne e re fa go sena go utswiwa, motlhala wa go latedisa dilwana o gorose mapodisi kwa Zimbabwe.
Le fa go ntse jalo, kgosi o tlhalositse fa go kile ga nna le dikgang di le mmalwanyana tsa go tlodisiwa ga bojalwa le motsoko go tswa Zimbabwe, go tla mono.
A re go tlodisa leokwane ka bokukuntshwane kwa molelwang le gone ga go sa tlhole go le teng.
A re terata ya molelwane e ne e setse e senyegile ntateng ya go phunngwa gore go tlodisiwe leokwane.
Kgosi Moroka o tlhalositse fa batho ba ba tlolelang mo Botswana ba sena diteseletso, mme fela a re ba santse ba emisitse go dira jalo.
A re batho ba ne ba ralala kwa Moroka, ba tswa borwa jwa lefatshe leno go kgabaganyetsa kwa Zimbabwe ba sena diteseletso tsa mesepele, mme bogogi jwa motse bo ne jwa kopana le morafe go ba tlhagisa ka borai jwa go letlelela batho ba ba tswang Zimbabwe go gorogela kwa go bone ba sena diteseletso.
Kgosi Moroka a re ba gateletse botlhokwa jwa gore mongwe le mongwe yo o gorogang mo Botswana a tsene ka molelwane go tlhomamisa gore ba tsena mo serubing jaaka go laotswe.
A re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a obamele melawana ya COVID-19 go babalela setshaba, a supa fa mapodisi a gagamaditse go disa kwa molelwaneng, ba thusiwa ke baithaopi ba ba tlhokometseng motse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MOROKA
Event : POTSOLOTSO
Date : 13 Aug 2020