Breaking News

Monni o galaletsa lenaneo la RADP

12 Aug 2020

Rre Namolang Sutelang wa Majwanaadipitse a re lenaneo la go thusa metse ee kgakala le ditlamelo la  RADP le mo inotse mo isong.

A re e ne ya re ka 2004, a simolola go nna morui morago ga gore puso e mo rekele dikgomo tse di namagadi di le tlhano ka lenaneo la RADP.

Rre Sutelang o tlhalositse mo potsolotsong ka Mosupologo gore o ne a tlhokomela leruo leo, mme la seka la mo swabisa ka le ne la mo tsalela go fitlha dikgomo di nna masome a mararo le boferabobedi.

A re dikgomo tsa gagwe di ne di tsala dinamagadi mme seo sa mo itumedisa thata.

Rre Sutelang a re go tswelela a tlhabolola botshelo jwa gagwe, o ne a ikagela ntlo le semausu a bo a se tsenya dithoto.

Rre Sutelang, yo o direlang kwa sekoleng se sepotlana sa Majwanaadipitse e le moapei, a re o thusitswe ka lenaneo a ise a berekele kwa sekolong mme o ne a kgona go tlamela ba lelwapa la gagwe ntle le tshokolo.

A re o eletsa go iterela go feta jaaka a dirile mme se se mo gwetlha go tshwara ka natla.

A re motlhala wa matsapa a gagwe o setse o bonala ka a kile a rekisetsa lenaneo le le thusang banana dikgomo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Mbaeva

Location : MAJWANAADIPITSE

Event : POTSOLOTSO

Date : 12 Aug 2020