Temo ya ditlhare e a busetsa
12 Aug 2020
Mme Saniki Ditshwanelo ke molemi wa ditlhare tse di kgabisang le maungo kwa Seolwane.
O boletse mo potsolotsong gore o simolotse temo ya gagwe ka ngwaga wa 2014 ka thuso ya lenaneo la lephata la dikgwa.
Mme Ditshwanelo o lema ditlhare tse di akaretsang jacaranda, rose, abascus, benjamin, namune, guava, perekisi, nnaraki le mango.
O tladitse ka gore o lema setlhare sa mophane se a se rekisang kwa dikgaolong tse di senang sone.
A re ka a sa tsena sekolo, o bone go tshwanela go lema ditlhare go itshetsa le bana ba gagwe ka a sa batle go bona ba wela mo isong.
O tlhalositse fa a bona thotloetso e ntsi ka dinako tsa manyalo ka banyadi ba itseela dinepe kwa lwapeng la gagwe mme ba mo latlhelele sengwenyana.
Mme Ditshwanelo a re o itshetsa gape ka go dira dithunya tse di kgabisang kwa mabitleng le go kgapha ka mmu selo se a reng batho ba se kgatlhegela ka bontsi.
E re le ntswa gona le dikgwetlho jaaka dilo tse di jang ditlhare, dituelo tse di kwa godimo tsa metsi, seemo sa COVID-19 le kiletso mesepele, Mme Ditshwanelo a re ga a kitla a ipona tsapa mo kgwebong ya gagwe.
O ne a gakolola banana gore ba itshwaraganye le baboipelego go ithuta ka mananeo a ba ka itshetsang ka one. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Segojame Ikgopoleng
Location : SEOLWANE
Event : POTSOLOTSO
Date : 12 Aug 2020