Gulubane e ne e le moeteledipele wa motia
11 Aug 2020
Kgosi Ezekiel Gulubane wa Gulubane kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba o bolokilwe ka Matlhatso.
Dibui ka go farologana di kaile fa Kgosi Gulubane e ne e le moeteledipele wa motia, a le boikobo, a boifa Modimo, e bile a rotloetsa setho se se eletsegang ka dinako tsotlhe.
Ba re o ne a dira tiro ya gagwe ka botswerere e bile a kgaratlhela go bona motse wa gagwe o phaphasela ka ditlhabololo.
Kgaitsadie, Mme Beauty Tabona, o ne a supa fa lelwapa le setshaba sa motse oo ba latlhegetswe ke pilara.
Mme Tabona a re phularong ya ga rraabone ka 2006, Kgosi Gulubane o ne a tsaya boikarabelo jwa go ba tataisa le mmaabone.
O tsweletse a supa fa lerato le a nang le lone mo motseng wa gagwe le ne la mo tlama go tlogela tiro go tlhatlhama rraagwe mo setilong sa bogosi.
Ntsalae moswi, yo gape eleng mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa Gulubane, Mme Thandiwe Dlodlo, o ne a supa fa Kgosi Gulubane a ne a eteleditse therisanyo pele, e bile a seke a ipona tsapa go akgola fa go tsamaya sentle le go amogela dikgakololo.
Mme Dlodlo a re se se ne se dira gore go nne bonolo gore komiti ya bone e goge e le seopo sengwe le ene.
Fa a bua mo boemong jwa kgosana ya kgotlana ya Nkau, Rre Balisi Magole o ne a bolela fa bomolemo le go bereka ka bokgabane ga ga Kgosi Gulubane go ba thusitse mo go lereng ditlhabololo kwa motseng oo.
Kgosi Maruje III wa Masunga, yo gape a nyetseng kgaitsadie Kgosi Gulubane, o ne a kaya fa moswi e le mongwe wa batho ba ba mo tataisitseng mo botshelong.
A re ba ne ba nna ba amogana dikgakololo ka dinako tsotlhe le pele ba tsena mo bogosing.
Kgosi Maruje III o ne a kopa boora Gulubane go sala morago ditsamaiso tsotlhe tse di tshwanetseng tsa kamogano bogosi.
A re ba tshwanetse go itse fa setshaba se tlaa bo se ba tlhomile leitlho.
Mokwaledi wa makgotla a Setswana kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Segopotso Sakwape, o ne a bala molaetsa go tswa kwa mookameding wa makgotla a Setswana, o o neng wa supa fa phularo ya ga Kgosi Gulubane e se tatlhegelo ya ba lelwapa fela, mme lephata le lone le latlhegetswe.
Kgosi Gulubane, yo o tshotsweng ka kgwedi ya Ngwanatsele ka ngwaga wa 1961, o tlhokafaletse kwa kokelong ee ikemetseng ya Riverside kwa Francistown kgwedi eno e le malatsi mararo morago ga go lwala ka sebaka se se khutshwane.
O ne a tlhongwa kgosi ya Gulubane ka ngwaga wa 2007, morago ga go tlhokafala ga ga rraagwe, Kgosi Morris Gulubane ka 2006.
O tlogela bana ba le babedi, mosimane le mosetsana, mmaagwe le bokgaitsadie ba le bane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : GULUBANE
Event : PHITLHO
Date : 11 Aug 2020